Tsayang maikarabelo - Makgana
08 Oct 2020
Moruti Bakae Makgana wa kereke ya Apostolic Faith Mission kwa Mahalapye o kgothaditse setshaba go tsaya maikarabelo go lwantsha mathata a a apereng lefatshe la Botswana.
Moruti Makgana o buile jaana ka Laboraro kwa lephateng la dikago kwa Mahalapye, fa go tswalelwa kgwedi ya merapelo.
“HIV/AIDS, COVID-19 le kgokgontsho ya bong, ke mangwe a mathata a a re tshwenyang thata re le lefatshe, mme re ka a fenya fela fa rotlhe re ka tsaya maikarabelo,” ga bua Moruti Makgana.
O kgothaditse borre go ya go itlhatlhobela HIV, ka go supega fa ba saletse kwa morago, ga mmogo le go tsaya maikarabelo a go tlhokomela malwapa a bone.
O supile fa dipalo tsa kgokgontsho ya bong di golela pele, e bile le bana ba simolotse go bolaya batsadi.
Moruti Makgana o rotloeditse setshaba go tswelela se rapela ka gore mo Modimong ga gona sepe se se ka palang.
Mothusa modulasetilo wa komiti ya botsogo le pabalesego mo lephateng la dikago kwa Mahalapye, Rre Simon Tlhalerwa a re mo nakong ya gompieno go inaakantswe le go lwantsha bolwetse jwa COVID-19, mme a rotloetsa gore go seka ga ikgatholosiwa go ipabalela mo malwetseng a mangwe.
Rre Tlhalerwa o supile fa setlhogo sa mono ngwaga e le; A re Teng Mmogo go Rapelela HIV/AIDS ga Mmogo le COVID-19, mme bone e le lephata ba tsenya le setlhogo sa gore; Mmogo re ka Kgona.
O rotloeditse setshaba go fetisetsa molaetsa wa letsatsi kwa malwapeng.
Moemedi go tswa kwa lephateng la ba ditirelo tsa bolwetse jwa AIDS gape a direla kwa Botswana Network of People Living With HIV/AIDS (BONEPWA), Rre Edmond Bodilenyane, a re ba ba tshelang ka mogare wa HIV, ba tlogela diritibatsi ka dipalo tse di kwa godimo.
Rre Bodilenyane o kgothaditse batho bao go tiya moko ka go tsaya kalafi ka tlhoafalo gore fa bolwetse jwa COVID-19 bo ka ba tsena, bo fitlhele mogare wa HIV o ritibetse.
Fa a tshuba dikerese, Rre Bodilenyane o supile fa seo, e le segopotso sa botlhe ba ba latlhegetseng lefatshe leno ka ntata ya mogare wa HIV, gammogo le botlhe ba ba tshelang ka one. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Pulamoeng
Location : MAHALAPYE
Event : tswalelo ya kgwedi ya merapelo
Date : 08 Oct 2020