Go ikgatholosa melao ya COVID-19 go diphatsa
08 Oct 2020
Mookamela mapodisi a Middlepits mo kgaolong ya Kgalagdi Borwa, Assistant Superintendent Kebadire Mmopi a re ba tshwenngwa ke batho ba ba tsweletseng ka go ikgatholosa melawana ya ba botsogo ya COVID-19, ya go thibela mogare le ntswa o tsweletse ka gola ka dipalo tse di kwa godimo mo lefatsheng leno.
Assistant Superintendent Mmopi o buile matshweneyego a mo potsolotsong le ba BOPA bosheng, morago ga go tshwara batho ba le masome mane le borataro, ba go fitlhetsweng ba kgobokanye ba le mo maitisong kwa Kolonkwaneng.
Kwa Gakhibana le Khuis gone, mapodisi a tlhalosa fa batho ba ne ba nwela mo sepotong, fa ba le lesome le bongwe bone ba ne ba sa rwala dipipa molomo le dinko kwa Middlepits le Khawa.
Mookamela mapodisi o tlhalosa fa ba tshwere batho bao ka nako ya fa mapodisi a boloditse letsholo la go tsamaya ba dikologa kgaolo eo go tlhomamisa gore melawana e e laolang COVID-19 gore e seka ya anama e a diragadiwa.
Assistant Superintendent Mmopi a re mongwe le mongwe wa batho ba ba neng ba kgobokane o lefisitswe P200.
O boletse gore beng ba malwapa bone, ba duedisitswe P500 mongwe le mongwe le gone go gapa majalwa a a neng a rekisiwa.
Ba ba neng ba sa rwala dipipa molomo le dinko ba atlhotswe P200 mongwe le mongwe wa bone.
A re kwa Gakhibana gape mapodisi ba ne ba phatlalatsa batho ba ba neng ba le mo maikaelelong a go ya go iketla le go itsaya dinepe mo ditotomeng tsa mmu, ka ba ne ba ka felela ba sa katologane.
O ne a gakolola banana go ikgapha mo nnotaging, ka e ka ba senyetsa bokamoso.
A re badira-molato wa go dira maitiso mo malwapeng, bontsi jwa bone ke banana.
O ne a gatelela thata le go kopa banni ba kgaolo eo go obamela melawana ya COVID-19 ka nako tsotlhe, jaaka go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa, go ikgapha mo go kgobokaneng, go rwala dipipa molomo le dinko, go ikwadisa le go tsaya megote kwa madirelong a a farologanyeng le gone go fokotsa dipalo tsa kwa dintshong, manyalo le dikereke, ka seo se ka thusa mo go thibeleng kanamo ya mogare.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Assistant Superintendent Mmopi o boletse fa mapodisi ba tshwere monna mongwe wa dingwaga tse di masome mane le boraro mabapi le go fitlhelwa ka pitse e go belaesegang e le ya bogodu.
O ne a tlhalosa fa mongongoregi yo o tlholegang kwa Gakhibana, a ne a fitlhela pitse ya gagwe e tshubilwe ka tshipi ya mmelaelwa, mme a ya go begela mapodisi.
Mookamela mapodisi a Middlepits o ne a supa fa mo nakong ya gompieno mmelaelwa a sa ntse a le mo diatleng tsa bone go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le kgang eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : MIDDLEPITS
Event : Potsolotso
Date : 08 Oct 2020