Breaking News

Bogosi bo tlhoka seriti sa pele

08 Oct 2020

Mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse o kopile baeteledipele ba dikgotla kwa ga Ngwaketse go busetsa seriti le serodumo sa bogosi.

E rile a bua kwa phuthegong ya dikgosana ka Labobedi, Rre Autlwetse a re ka tlholego bogosi bo a tlotlwa, ka jalo ga bo a tshwanela go farafarwa ke dikgang.

A re jaaka baeteledipele ba morafe, ba tshwanetse go itse gore dikgotla tsa bone le maemo a tlhatlologana jang, go itsa ketsaetsego fa kgosi a tlogela tiro kana a tlhokafala.

Mothusa tona a re puso e tshwentswe ke dikgang tsa bogosi tse di tletseng kwa kgotla kgolo ya ditsheko, mme di bakwa ke diphapang mo makgotleng.

A re ga go a tshwanela go nna le ketsaetsego ya gore go tlhatlologanwa jang ka jaana merafe e itse ditso tsa yone.

A re go le gantsi ketsaetsego e e bakwa ke gore batho ba batla go itlhophela boralekgotla, ntswa ba itse ba ba tshwanetsweng ke tlotla eo.

“Bogosi ke jone sefalana sa ngwao, ka jalo ga bo a tshwanela go tlhakatlhakana.

Mme se re ka se kgona fela fa re diragatsa boammaaruri mo bogosing,” ga tlhalosa mothusa tona.

A re dikgotla tse di tsweletseng ka go runya mo go seng ka fa thulaganyong, di lopa puso madi a a kabong a dira ditlhabololo, ka jaana baeteledipele ba tsone ba tlhoka go atswiwa. O ba kopile gore ba nonotshe dikgotla tse di leng teng gore ngwao ya bone ya Sengwaketse e babalesege.

Rre Autlwetse a re e re ntswa molao o o tsamaisang bogosi o tlhalosa ka botlalo thulaganyo e e tshwanetseng ya salwa morago go emisetsa kgosi, batho ba tsweletse ka go ikgatholosa tsamaiso e.

A re morero o o tseneletseng ke one konokono mo dikgannyeng tsa mofuta o, mme ka go tlhoka lesego ga o tsamaisiwe sentle.

O ne gape a tlhalosa fa puso e bone go tshwanela go rutuntsha magosi ka thulaganyo ya ditsheko ka jaana borukutlhi le matlhale di gola le merafe.

A re se, se tlaa thusa gore ba sale tsamaiso e e tshwanang morago, mme e bile go tlaa fokotsa dikgang tse di ba latlhegelang tsa ikuelo.

Mo dikgannyeng tse dingwe, mothusa tona o tlhalositse gore puso e lemogile fa lenaneo la Ipelegeng le latlhegetswe ke moono o le thaetsweng mo go one, ka jalo go tshwanela go le sekaseka.

O tlhomamiseditse dikgosana gore dikgang tsa gore lenaneo le a emisiwa ga se boammaaruri e bile di seka tsa baka ketsaetsego.

“Ipelegeng ke lenaneo la puso le le thailweng ka morero, ka jalo le fa le emisiwa go tlaa nna le morero. Se se neng sa direga e ne e le tshekatsheko ya lenaneo ka jaana go ne go lemosega fa le latlhegetswe ke moono.

Go tsweng kgakala lenaneo le le ne le itsege ka ditiro tse di nang le bokao, mme mo nakong, tsela ya re latlhegela ka jaana le dira ditiro tse di senang bokao.”

A re mo godimo ga go sekaseka dipoelo tsa lenaneo leo, puso e lemogile fa gape Ipelegeng e tlhoka go nonotshiwa gore kgabagare badiri ba yone ba kgone go itirela sengwe sa itshetso.

A re keletso ke gore Ipelegeng e nne mhama mongwe o o ka thusanyang le dikole tsa tiro ya diatla gore batho ba dirise botsipa jwa bone go itshetsa.

E rile a mo kgwa dikgaba, Kgosi Malope II a kopa gore dikgang tsa go baya dikgosana mo makgotleng a a farologanyeng di felele mo go kgosikgolo go sena motsenelela wa ga tona.

A re jaaka molao wa bogosi o le mo thulaganyong ya go baakanngwa, tshetlana e, e tshwanetse go nna nngwe ya tse di sekasekwang.

O tlhalositse fa selo se se tlaa fefosa go rarabolola dikgang mo makgotleng, ka jaana kgosikgolo e le ene a itseng ba a ka ba romang.

Kgosi Kwelagobe Mookodi a re o dumela gore thulaganyo le tlhatlologano ya bogosi e tshwanetse ya nenekediwa gore ba seka ba latlha tsamaiso.

A re go tshwanetse ga nna le tsamaiso e e tlhamaletseng ya gore batho ba latelelana jang kwa makgotleng a bone, go itsa dingongorego le ditsheko fa go bewa kgosana.

O ne gape a lebogela thulaganyo ya go rutuntsha dikgosi ka tsamaiso ya ditsheko. O ne a kopa gore lenaneo leo le fefogelwe gore le tle le fokotse ketsaetsego e e felelang e ntsifatsa dikgang kwa kgotleng ya boikuelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : KANYE

Event : phuthegong ya dikgosana

Date : 08 Oct 2020