Breaking News

Matla ka dibe a baka tshenyo kwa Lokgwabe

07 Oct 2020

Banni bangwe ba motse wa Lokgwabe mo kgaolong ya Kgalagadi Bokone ba setse mo legoeleleng morago ga pula ya matlakadibe e e neng ya gosomana ka Mosupologo.

Mo potsolotsong le BOPA, modulasetilo wa komiti ya dibetso tsa tlholego mo kgaolong, e bile e le mothusa moladi wa kgaolo, Mme Segomotso Nkwane, o tlhalositse fa mo tiragalong eo, matlo a le mmalwa a ne a rutlologa fa mangwe a gosomane.

Mme Nkwane o ne a supa fa ditshekatsheko tsa seemo sa tshenyo di santse di tsweletse, mme ba  kgonne go sekaseka malwapa a le masome mararo.

Go ne go santse go lebega fa dipalo di tla oketsega.

O ne a tlhalosa gore morago ga ditlhotlhomiso, ba tlaa patelesega go abela malwapa mangwe ditante gammogo le dijo.

Mme Nkwane o ne a supa fa ka Mosupologo bosigo, ka tshwaragano le mokhanselara le baeteledipele ba bangwe ba motse le ba sesole, ba ne ba kgona go fudusa bangwe go ba kopela boroko kwa masikeng.

Mo dikgannyeng tse dingwe, mothusa molaodi o tlhalositse fa ba ne ba ise ba kwadise dikgang dipe tsa dikgobalo tse di masisi.

O tlhalositse fa bagodi bangwe ba ne ba ragosediwa kwa kokelwaneng go alafelwa dikgobalo tse di potlana morago ga go welwa ke dikotswana, mme ba gololwa.

Mongwe wa ba-tswa setlhabelo, Mme Monicah Kgogobi a re ene le bana ba babedi ba ne ba tshabetse phefo e e neng e le mashetla mo ntlong, mme ya re a bona dikgadima tse di tsitsibanyang mmele a diga motlakase, mme ka  ponyo ya leitlho, ga utlwala modumo wa go thunya mo go sa tlwaelesagang.

A re fa ba santse ba le mo kgakgamalong, ke fa ba bona metsi a setse a tsena ka marulelo ka bokete mme ba tshabela ka fa tlase ga tafole.

Mme Kgogobi a re ga ba a golafala, le fa ba senyegetswe ke dithoto, tse a neng a ise a tlhomamise gore di ka lopa bokae.

Fa a tswa la gagwe, kgosi wa motse oo, Kgosi Clarkson Molatole o ne a gwetlha ba ba berekelang kwa ntle ga kgaolo, segolo jang go sena batlhokomedi bape mo malwapeng, go iketleeletsa kwa  motseng go tla go bona seemo sa tshenyo le gone go tla go fapha di -tsa bone go di tshabisa magodu. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : LOKGWABE

Event : Potsolotso

Date : 07 Oct 2020