Ba ngongoregela dituelo tse di diegang
07 Oct 2020
Maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse wa Mmopane a ngongorega ka dituelo tse ba reng ke lemme e bile di sa tle ka nako.
A buile jaana mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Mme Nnaniki Makwinja fa a ne a ile go lekola dikomiti tseo ka Labobedi.
Ba ne ba ngongorega gape ka tirisano mmogo magareng ga bone le bodiredi jwa boipelego ka ke jone bo ba golaganyang le khansele.
Ba ne ba supa fa bodiredi bo le maoto a tshupa go isa megopolo ya bone ebile gape go tsaya nako gore megopolo eo e goroge kwa khanseleng.
Maloko a ne gape a kaya fa ntlha e nngwe e e diyang ditlhabololo tsa motse e le go tlhoka go bewa ditsha ka ba na le mengwe megopolo e ba dumelang fa ba ne ba ka dira dikgwebo tse di ka dirang letseno le le bonalang fa ba ne ba beilwe ditsha tsa kgwebo.
Fa a tswa la gagwe, Mme Makwinja o ne a gakolola fa go le botlhokwa gore setshaba se itse manokonoko a kwelotlase ya itsholelo e e bakilweng ke segajaja sa bolwetse jwa COVID-19.
A re Botswana o kailwe fa itsholelo ya gagwe e babaletswe le go feta fa le tshwantshanngwa le mafatshe a mangwe a a mabapi.
Le fa go ntse jalo, o boletse fa kgang ya lemme le le fiwang dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse e le kgang e mapalamente le bone e ba tshwentseng.
A re le fa ba ithaopile ba dumalana gore dikatso tseo di dinnye fela thata.
Mo go tse dingwe, mopalamente o ne a tsibosa dikomiti tseo ka borukutlhi jo bo ileng magoletsa mo Mmopane le dikgaolwana tse di mabapi.
Ka jalo o kopile gore go tsosolosiwe dikomiti tsa twantsho borukutlhi go lwantsha borukutlhi jo bo apesitseng motse kobo ka letshoba.
Mokhanselara wa Mmopane Rre James Lekgetho le ene o ne iteela kobo moroko mafoko a mopalamente gore dikomiti di tshwanetse tsa emela ditlhabololo tsa motse ka dinao.
O ba gakolotse gore ba tshwanetse go dira lenaneo la ditlhabololo tsa motse le mo go lone ba supang gore ba ya go dira ditlhabololo di fe le gore ba ya go dira jang le go supa tsela e ba yang go dira letseno ka yone go na le go ikaega ka khansele mo dilong tse ba ka di itirelang.
O ne a ba kopa gore ba ititee ka thupana gore mo dingwageng tse tlhano komiti e bo e dirile sengwe se ba ka kaiwang kgotsa go gakologelwa ka sone.
Mopalamente o ne a le mo loetong lwa go lekola bogogi jwa motse mabapi le ditlhabololo le megopolo e e tswang kwa palamenteng e e sa tswang go feta. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MMOPANE
Event : Phuthego ya mopalamente
Date : 07 Oct 2020