Breaking News

Letlamoreng o amogela maloko

07 Oct 2020

Kgosi Letlamoreng II wa Barolong o gakolotse maloko a masha a lephata la kabo ditsha go dira tiro ya bone ka bonokopila le boikarabelo.

Kgosi Letlamoreng o tlhalositse jaana kwa ithutuntshong mo Gaborone bosheng, a tlhalosa gore go nna baeteledipele ba tlhwatlhwa ba tshwanetse gore ba bale melawana ya kabo ditsha ba e tlhaloganye ka se se ka ba kgothatsa go dira tiro ya bone ba phuthologile.

O ba gakolotse gape fa go le botlhokwa go bereka ba tshwaragane le maphata a puso, a tlatsa ka gore go botlhokwa go bereka ka natla go sena sepolotiki mo teng ka a dumela fa botlhe ba tlaa bo ba berekela setshaba sa Botswana.  

Kgosi o akgotse ba kabo ditsha go bo ba bone go tshwanela gore ba laletse bogosi ka tiro e ya setshaba ka ba tshwanetse go e tshwaraganela le bone.

Mokwaledi wa kabo ditsha ya Rolong, Rre Sedi Bose o gakolotse maloko a masha go agela mafoko a ga kgosi mosako.

O kaile fa boikarabelo jwa go aba lefatshe le go le tlhokomela bo le mo maruding a bone, ka jalo ba itirele leina le lentle.

O kaile fa ba tshwanetse go sala melawana ya kabo ditsha morago gore ba itse gore lefatshe le tlhokomelwa jang.

O ba gakolotse fa go bereka mmogo e le maloko le gone go tlaa ba thusa go kgona tshotlhe tse ba batlang go di dira.

Rre Bose o kaile gore go itirela leina go simolola ka motho a le mongwe, ka jalo fa ba tsweletse ba thusa setshaba ba se thuse ka lorato le botho.

O ba gakolotse fa go le botlhokwa go reetsa dingongorego tsa setshaba mme a kopa gore ba seka ba letlelela mowa wa go amogela pipa-molomo.

O ba gakolotse gore ba itse gore fa go twe ofisi ya kabo ditsha ya Rolong go tewa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : GOOD HOPE

Event : thutuntshong

Date : 07 Oct 2020