Mapodisi a Kang a tlhotlhomisa polao
05 Oct 2020
Mapodisi a Kang a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi wa kgotla ya Katshwene kwa Kang a thusang ka ditlhotlhomiso morago ga go belaelwa mo molatong wa polao ya mme mongwe wa dingwaga tse di masome matlhano wa kgotla yone eo.
Mo potsolotsong le BOPA, Mookamela mapodisi a Kang, Superintendent Olebeng Chingabe, o tlhalositse fa pego eo, ba e amogetse ka makuku a naka tsa kgomo ka letsatsi la Tshipi go tswa kwa go kgaitsadie mmelaelwa.
Supt Chingabe a re go belaesega bobedi joo e ne e le baratani mme go lebega ba ne ba tlhoka kutlwisisanyo, ka jalo mmelaelwa a keteka moswi a mmakela dikgobalo mo mmeleng.
O tlhalositse fa kgaitsadie mmelaelwa a ne a supa fa mmelaelwa a ne a mo iteela mogala a mmolelela fa a bolaile mokapelo wa gagwe, mme a ragogela kwa ntlong kwa a fetileng a kgatlhantshiwa ke go bona mokapelo wa ga kgaitsadie a rapaletse fa fatshe a rurugile mo sefatlhegong, mme ka bofefo a iteela ba mapodisi mogala go ba itsese ka seemo se.
O ne a supa fa mme yoo a ne a ragosediwa kwa kokelwaneng ya Kang kwa ba bongaka ba fetileng ba mo tlhatlhoba mme ba supa fa a tlhokafetse.
Supt Chingabe o gwetlhile borre go buisana le balekane ba bone, dikgosi, mapodisi gammogo le bagolwane ba bangwe mo motseng go ba thusa ka dikgakololo fa ba gateletswe ke maikutlo go fema diemo tsa go gapela bakapelo ba bone matshelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : HUKUNTSI
Event : Potsolotso
Date : 05 Oct 2020