Tlhoafalelang go itirela dijo - Kgamane
05 Oct 2020
Motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane o kopile balemi go tlhoafalela temo, bogolo jang mo nakong ya segajaja sa bolwetse jwa COVID-19.
O ne a bua jaana fa a bolotsa letsema kwa kgotleng kgolo ya Serowe ka Tshipi.
Kgosi Kgamane a re go ne ga itshupa ka nako ya fa metsamao e emisitswe mo lefatsheng ka bophara gore dijo ke selo sa botlhokwa mo botshelong jwa motho, mme go tlhokafala gore balemi ba tlhoafalele go lema.
A re balemi ba tshwanetse ba sekaseke ditsela tse di neng di dirisiwa tsa go ipeela dijo, di tshwana le tsa go nna le mabeelo gore ba nne ba na le dijo go fitlhelela letsema le le latelang go tila go bolawa ke tlala.
Kgosi Kgamane o ne gape a rotloetsa balemi mo kgaolong go dirisa didirisiwa tse dingwe tsa temo di tshwana le ditonki le dikgomo, ka go na le letlhoko le le ntsi la diterekere gore ba kgone go tshwara bokgola.
A re ngwaga le ngwaga balemi ba lela ka letlhoko la diterekere, mme ba na le bokgoni jwa go dirisa ditonki le dikgomo tsa bone.
A re ntswa go bolotsa letsema ga monongwaga go dirwa ka letsatsi la Tshipi la ntlha mo kgweding ya Phalane, go na le pharologanyo ka go fetotswe ke seemo sa bolwetsi jwa COVID-19.
A re bogosi le baeteledipele ba dikereke, ba ne ba thulanya ditlhogo go sekaseka gore ba ka dira jang ka e le tiro e e tshwanetseng go dirwa ngwaga le ngwaga.
A re ka tlwaelo batho ba tlala mo kgotleng, mme ba dire dithulaganyo tse dingwe di tshwana le go tsisa dipeo ka go farologana mo kgotleng.
Le fa go ntse jalo ga go a kgonagala gore go dirwe jalo ntateng ya ditsamaiso tsa ba botsogo.
Kgosi Kgamane o tlhalositse fa go ne go tshwanela gore tiro ya go bolotsa letsema e dirwe, le fa go tlogetswe ditsamaiso dingwe, ka e le botlhokwa e bile go a bo go gololwa balemi go ya go lema le gone go rapelela pula.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Kgamane o ne a re o na le tsholofelo e tona ya gore ngwaga o o tlaa nna o monamagadi, ka ba tepo-loapi ba setse ba supile jalo.
O ne a solofetsa morafe wa gagwe fa go tlaa dirwa dithulaganyo tse dingwe gore go rapelelwe pula fa e ka seke e ne.
Kgosi o ne a rebola balemi go ya go baakanya masimo go ipaakanyetsa temo le gone go tlhokomela dijalo fa ba sena go lema.
O ne gape a kopa barui go tlhokomela leruo thata ka nako ya temo, gore le seka la senyetsa ba ba lemileng.
Kgosi Kgamane o ne a kopa balemi go sala ditsamaiso tsa ba botsogo morago, bogolo jang tsa go itshireletsa mo bolwetseng jwa COVID-19.
A re le fa ba tsweletse ba lema kana ba le kwa masimo ba tlhokometse dijalo, ba tshwanetse ba gakologelwe itshireletso mo bolwetseng joo.
Kwa tirong eo, baruti ka go farologana ba ne ba rapelela gore dipolaano tse di tsweletseng mo lefatsheng leno le kgokgontsho di eme le jone bolwetse jwa COVID-19 bofele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 05 Oct 2020