Breaking News

Ntlo ya dikamore tse some e shele ya ba ya lora

05 Oct 2020

Mogolwane wa mapodisi a Mogoditshane Superintendent Russ Letsebe a re ba santse ba tlhotlhomisa se se bakileng go lora ga ntlo yoora Enosa kwa Gakuto ka letsatsi la boipuso e go kaiwang e lopile P1.8 million.

Rre Letsebe a re ba tsweletse le go batla motlhala wa tiragalo eo, e go tlhalosegang e bakile gape tshenyo ya dithoto tse di ka lopang P400 000 tse di loretseng mo teng ka ntlo ya dikamore tse some.

O tlhomamisitse fa ditlhotlhomiso tsa bone mo nakong eno, di ise di kgone go senola sepe mme a solofetsa fa ba tlaa dira gotlhe mo ba ka go kgonang go upolola sepe se se ka tswang se bakile molelo.

E re le mororo boora Enosa ba dumela fa tiragalo eo e le ya kabomo ya setlhopha sa batho bangwe ba ba ntseng ba tsweletse ka matshosetsi a go tshuba ntlo ya bone go ipusolosetsa ka tshenyo ya ngwana wa lelwapa yo go tweng o tlhorontshitse motse oo ka dikgang tsa borukutlhi, Superintendent Letsebe a re ga ba ise ba kgone go lomaganya go sha ga ntloe le magatwe a a buegang ao.

Le fa go ntse jalo, o netefatsa fa ba na le dikgang tsa borukutlhi tse di amang ngwana wa lelwapa leo, le mororo ba ise ba amogele pego epe ya matshosetsi a ba ka tswang ba a lebagantswe.

“Mong wa ntlo eo, Rre Lekgotla Enosa yo e leng ngaka ya setso, a re ba santse ba gamaregile ka tiragalo eo ya bosetlhogo e ba dumelang e le ya kabomo morago ga go amogela matshosetsi ka setlhopha sa batho ba kgaolwana eo.

“Ke dumela fa tiro e, e le ya kabomo ka jaana go se ope wa baagisanyi yo o neng a tsaya matsapa a go re thologa mokgosi fa molelo o tsweletse ka go nyeletsa dithoto tsa rona o tlogela sengwe le sengwe ele molora,” Rre Enosa a tlhalosa seo.

A re malatsi a le mararo pele ga tiragalo, setlhopha sa batho ba ka tshwara masome a mane se ne sa thelesegela kwa ga gagwe ba  tshosetsa go tshuba ntlo go ipusolosetsa ka borukutlhi jo  ba reng bo dirwa ke ngwana wa lelwapa leo.

“Re belaela fa mongwe a ne a tlhagela terata kwa morago go tlhosetsa molelo ka go tshela peterole e re neng ra utlwa e nkga mo nngweng ya dikamore,” ga bua Rre Enosa.

A re setlhopha so se ne gape se kile sa tshosetsa go bolaya mosimanayana wa dingwaga tse di lesome le borataro wa moagisanyi yo le ene go neng go twe  o inaakantse le ditiro tsa borukutlhi kwa motseng oo.

Rre Enosa o supile fa ba ne ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go leka go lwantsha molelo pele ga setima molelo ba goroga go tswa Molepolole, mme maiteko ao a seka a tswa dipe ka kgabo ya molelo e ne ya padisa maiteko otlhe a go o lwantsha.

Batho ba lelwapa leo, ba re fa e sale ba thibelela mo kgolong ya Gakuto ka 2014 ga ba ise ba nne le kagiso ka tikologo e ba neng ba tshelela mo go yone e ne e sa ba amogela.   

Moagisanyi wa boora Enosa Rre Leonard Khupe, a re ere ntswa a ise a utlwe matshosetsi ape a lebagantswe batho ba lelwapa leo, le ene o tshositswe le go hakgamadiwa ke tiragalo eo e le ene a supang a e lemogile seemo se setse se dule mo taolong.

A re jaaka moagisanyi, seabe sa gagwe e nnile go thusa ba ba mo lwapeng go sutisa nngwe ya dikoloi, jaaka fa kgabo ya molelo e ne e setse e apesitse ntlo yotlhe.

Sub Inspector Gofentseone Mosimanegape wa sepodisi sa Gakuto, a re e re ntswa ba na le dikgang di le mmalwa tsa borukutlhi di ama ngwana mongwe wa lelwapa leo, ga ba ise ba utlwalele ka matshosetsi a a  lebagantsweng ba lelwapa leo ka ebile le batsadi ba ise ba ikuele ka seo.

“Se ke se itseng ke thulaganyo ya batho ba kgaolo ya Gasikwa ya Ntebela ke go lebele ba ke itseng ba eme ka dinao go lwantsha borukutlhi jwa kgaolo eo, mme ga re ise re amogele dikgang dipe tsa boitshwaro jwa bone jo bo sa amogeleseng go tswa mo morafeng kgotsa ope fela,” Ga tlhalosa Sub-Insp Mosimanegape. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : GAKUTO

Event : Ditlhotlhomiso

Date : 05 Oct 2020