Ba ipela ka mmu wa letsopa
05 Oct 2020
Motse mongwe le mongwe o na le di-tsa tlholego tse o ipelang ka tsone.
Kwa Manaledi mo kgaolong ya Tswapong Bokone, ba motlotlo ka mmu wa letsopa.
Bontsi jwa banni, bogolo jang bomme, ba dirisa letsopa le go bopa dinkgo, dipitsa tse di apayang le mekgabisa.
Kgosi Batwaetse Mapulane o tlhalositse mo potsolotsong gore mmu o, ga se gore ke ntletsentletse mo motseng, o bonwa kwa Motemane gaufi le thaba, sekgalanyana go tswa mo Manaledi.
Go tswa mo motseng go ya kwa letsopa le fitlhelwang teng, ke sekgala sa dikhilomithara di le thataro go ya kwa go tse di supang, mme banni ga ba ipone tsapa go ya go o epa.
Le fa go ntse jalo go batla motho a bo a itse go o farologanya le mebu e mengwe.
“Mmu o, o a epiwa, mme yo o o epang o tshwanetse a bo a na le botsipa jwa go o leba gore a ke one kgotsa jang,” Kgosi Mapulane a tlhalosa.
A re letsopa le, ga le tswe fano, le tswa kwa dingwageng tsa bo 1800, le ntse le dirisiwa ke batsadi go ruta bana ka tiriso ya lone, ngwao e le mo nakong eno, e santseng e tsweletse.
Sesupo se sengwe sa gore mmu o o sale o dirisiwa, ke masalela a a bonalang mo motseng, a go supegang e le a tse di neng di dirilwe ka letsopa.
Kgosi o tlhalositse fa motse oo, o thibeletse fa o teng ntateng ya go bona mosola wa letsopa.
O tlhalositse fa Motemane a santse le na le letsopa le le ntsi mo nakong eno, ka e bile go na le lekgotla le le kwadisitsweng ka fa molaong, le le tlaa solegelang banni molemo gore ba itshetse ka lone.
Go lemoga fa banni ba ikgaratlhela, Lephata la Banana, Metshameko le Ngwao le SPEDU, ba ne ba ba ikatumetsa, go thusa ka go ba batlela mmaraka, mme e bile go bonala fa bareki ba itumelela boleng jwa dithoto tse.
Mo nakong eno, go setse go rutuntshitswe bomme le banana bangwe ba Manaledi ka thuso ya ba SPEDU go ithuta go dira ka letsopa.
Kgosi Mapulane o itumeletse kgatlhego e banana ba e supileng go ithuta ka tiriso ya letsopa, e bile ba tsweletse, bogolo jang ka bangwe ba bone e le maloko a setlhopha se se rekisang dilwana tsa letsopa.
Mme Melao Keletso, 64, wa Manaledi, o tlhalositse fa mmu wa letsopa o le mefuta mebedi, mmamoswaane le letsopa le lehibidu.
A re mefuta e, e a kopanngwa mme go tswe letsopa le le thata, le le dirang tse di farologanyeng.
Go epiwa ga letsopa go na le meila.
Mme Keletso o tlhalositse fa bomme ba sa tshwanela go o epa ba le mo setswalong, e bile ga o epiwe ke mme kana rre yo o neng a tlhakanetse dikobo pele ga a ya go o epa.
Melawana e fa e sa obamelwe, selwana se kgona go thubega morago ga go bopiwa.
Bangwe go tlhalositswe fa ba sa dire dingwe sentle, ka e a re morago ga go tlhotlha mmu mo matlapeng, ba bo ba busetsa matlapa fa ba epileng teng, mme se se ketefatsa tiro ka go pateletsa gore yo o tlang kwa morago a bo a ntsha matlapa ao pele ga a epa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : MANALEDI
Event : Potsolotso
Date : 05 Oct 2020