Tsamaiso ya setso konokono mo dikgannyeng tsa bogosi
04 Oct 2020
Mothusa tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse, a re lephata le lebanwe ke tiro ya go rarabolola dikgang tsa bogosi mo mafelong a a farologanyeng go ralala lefatshe.
A re go ka bo go sa nna jalo fa bontsi bo ne bo amogana maemo ka fa tshwanelong.
O buile se ka Labotlhano fa a buisa phuthego ya magosi le magosana a kgaolo ya Kgalagadi Bokone.
Mothusa Tona Autlwetse a re go swabisa nko go feta molomo go bona go setse go kekela mokgwa wa go isa dikgang tsa go rarabolola neelano maemo a bogosi kwa makgotleng a ditsheko.
Rre Autlwetse o ne a gakolola fa bogosi bo tsalelwa, mme go sa nkgisanwe magwafa jaaka kwa sepolotiking, ka jalo a gwetlha gore dilo di boele mo seporong.
O ne a rotloetsa dikgosi le matlo a bogosi go nna boamamaruri ka nako tsotlhe mo tirong ya go rarabolola dikgang tsa neelanao bogosi go tila go jwala peo ya dipharologano mo merafeng ya bone. Mothusa tona o ne kgothatsa magosi go nna kelelelo ka matsalo a bone gore bogosi bo seka jwa ba tswa diatleng ka nako epe.
Mo dikgannyeng tse dingwe, o ne a supa fa ba tshwenngwa ke go runya ga dikgotlana go tswa mo go tse di setseng di tlhomilwe ka fa molaong. A re go dira jalo go babalela sekgwama sa puso.
Rre Autlwetse o ne a sedimosetsa magosi fa lenananeo la Ipelegeng le sa phimolwa mme le santse le sekasekwa gore e nne le le tlhabologileng.
Kgosi wa Hukuntsi, Kgosi Merapelo Tshweneyagae, o ne a supa fa ba lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya diofisi, bodiredi, tiego ya go tlhatlosiwa maemo le tlhaelo ya dikoloi mme a supa fa seo, se kgoreletsa tiro.
Kgosi Bojosi Motshoge wa Tshane ene a re magosi a Kgalagadi Bokone ga ba eletse bogosi jo bo tlhophiwang ebile a kopa gore go nne go dirisiwa magosi a a mo kgaolong go thusa go rarabolola dikgang tsa bogosi.
O ne a tlatsa ka gore ba solofela fa dipaakanyo tse di tsweletseng tsa tshekatsheko molao o o tsamaisang bogosi di tlaa dirwa ka manontlhotlho a ba eletsang ba sa tlogelwe kwa ntle go ka thusa ka megopolo.
Kgosana Seipato Mhaladi go tswa kwa Lehututu o ne a kopa gore magosana a nnea isiwa dithutong tsa boeteledipele go ba nonotsha mo ditirong tsa bone.
Mo dikarabong tsa gagwe, Mothusa Tona Autlwetse o ne a tlhalosa fa tshekatsheko ya paakanyo ya molao o o tsamaisang bogosi o tlaa ba fa sebaka sa go nna le seabe mo paakanyo eo.
Mopalamenete wa Kgalagadi Bokone, Mme Talita Monnakgotla, o ne a lebogela leeto la ga mothusa tona ka jaana a ne a supa fa go amogana dikgang le magosi go le botlhokwa e bile go thusa lephata go tokafatsa ka fa le ntseng le ntsha ditirelo tsa lone ka teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : HUKUNTSI
Event : phuthego ya magosi
Date : 04 Oct 2020