Breaking News

Kgaolo ya Legare e siametse thuo ya dipodi

04 Oct 2020

Kgaolo ya Legare ke nngwe ya tse di ka dirang sentle mo thuong ya dipodi.

Mogokaganyi wa ofisi ya temo-thuo kwa kgaolong ya Legare, Rre Obert Mabutha, o boletse mo potsolotsong fa kgaolo eo e segofaditswe ka dimela tse di siametseng thuo ya dipodi.

A re dmaungo a naga, mophane, mopipi, motlopi, mosu le bojang jo bo bonwang kwa kgaolong e, di siametse thuo ya dipodi fela thata.

A re podi ke seruiwa se se jang ditlhare thata go na le bojang.

Rre Mabutha o lebogetse lenaneo la ga Tautona la go aba diphoko le diphelehu, a tlatsa ka gore se se tlaa tlhabolola dihutshane tse bontsi jwa tsone eleng mofuta wa Setswana.

O boletse fa dipodi tse di abilweng ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi mo kgaolong ya Legare di akaretsa Kalahari Red le Boer goat.  

A re le fa dipodi tsa mofuta o di tlholega kwa Aferika Borwa, di supile fa di kgona go dira sentle mo lefatsheng leno.

A re dipodi tse di ya go tlhabolola dipodi tsa Setswana tse di mo kgaolong e ka gore ke dipodi tse di nang le nama, di ntsha mashi a mantsi ebile di kgona go tsala mafatlha.

A re dipodi tsa Setswana go le gantsi ga di na nama e ntsi ebile di tshabelelwa ke go tsala bongwefela.

Rre Mabutha a re sese tlaa thusa go oketsa tlhwatlhwa ya nama ya podi mo mmarakeng a tlatsa ka go rotloetsa barui ba dihutshane go tlhokomela leruo la bone le go kopa kgakololo ko go bo maitsaanape a tsa leruo.

Fa a tswa la gagwe, morui wa dihutshane, Rre Nchidzi Moswate, wa masimo a Maphanephane gaufi le Paje a re dihutshane di bogadi bo gaufi, a tlhalosa fa a simolotse thuo ya dihutshane ka ngwaga wa 2016 ka dipodi di le supa.

A re dipodi tse di ne tsa ntsifalala go feta masome a mabedi le ntswa a ne a  kopana le kgwetlho ya malwetse le bo-phokojwe.

A re kgwebo ya gagwe ya dipodi e mo thusitse go jesa lelwapa la gagwe ebile o kgonne le go agelela tshimo ya gagwe.

Rre Moswate o rotloeditse Batswana go tsena mo kgwebong ya dihutshane go tlhabolola matshelo a bone le go dirisa mananeo jaaka LIMID. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Potsolotso

Date : 04 Oct 2020