Kgosi o bolotsa letsema kwa Makaleng
04 Oct 2020
Banni ba Makaleng le metse e mabapi ba ne ba kopane kwa kgotleng ya Makaleng go bolotsa letsema.
Modiro o, o ne o kopantse banni ba Makaleng, Botalaote, Toteng, Matenge, Sechele, Mambo, Masingwaneng le Gulubane kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba.
E rile a bolotsa letsema, Kgosi Thuso Ramokate wa Makaleng a kopa morafe gore o tsee temo ka tlhwaafalo ka go lema go le mosola mo botshelong.
A re dikgosi tsa metse e di golotse morafe go ya masimo ka jalo, go tlaa seke go nne le meletlo kana diphuthego dipe mo nakong ya temo se e le go rotloetsa batho go tsenya moko mo temong.
Kgosi Ramokate o tlhalositse fa go bolotsa letsema e le setso sa Batswana ka jalo a kopa batho gore ba tlogele dikakanyo tsa gore modiro o o rotloetsa mewa e maswe ya matimone.
A re Batswana ba latlhile ngwao mo go ngomolang pelo ka ba setse morago dingwao di sele mme se se tlaa dira gore ngwao e nyelele.
A re letsema le ne le bolotswa mo dikgotleng go tswa goo-lowe.
Kgosi Ramokate o kopile morafe go tswelela ka go sala morago ditaelo tsa botsogo jaaka go sa kgobokana mme a gape a gatelela botlhokwa jwa go rwala dibipa molomo le nko.
E rile a tswa la gagwe, rangwaneagwe kgosi, Rre Lexicon Ramokate, a kopa bagolo gore ba nne ba laletsa banana go tsena mediro ya setso gore ba anywe dithuto mo bagolong.
O kopile Batswana gore ba tlhomphe ngwao ya bone ebile ba e somarele gore e seka ya nyelela.
Rre Ramokate a re go botlhokwa go buisana le go rutana ka ngwao gore batho botlhe ba tlhaloganye botlhokwa jwa go somarela ngwao.
O lebogetse dikereke go tsena moletlo o, a tlatsa ka gore se se supa gore go bolotsa letsema ke ngwao ee tshwanetseng go amogelwa ke mang le mang.
Rre Ramokate o buile fa metse ya kgaolo ya Bokone Botlhaba e tswa kgakala ka go bolotsa letsema mo kgotleng mme e re morago go nne le mmino wa Hosana.
O gateletse gore go bolotsa letsema ga se tiro ya sefifi jaaka ba le bantsi ba akanya a tswelela ka gore Batswana ba latlhile ngwao mo ba dumelang fa meletlo ya setso e le dilo tsa ga saatane.
Rre Ramokate o kopile batho gore ba tlhokomele masimo a bone gore leruo le seka la ba senyetsa.
Moruti Lekokonyana Moagi wa kereke ya ZCC o buile fa maikaelelo a modiro o e le go kopa Modimo go nesa pula.
A re fa ba ba dumelang mo Modimong ba kgobokana ba kopa ditshegofatso Modimo o tla ba utlwa mme a ba arabe.
O buile fa mo botshelong go nale dipaka ka jalo e e le paka ya go kopa pula go kolobetsa mmu gore go lengwe. Moruti Moagi a re ga se batho fela ba ba tlhokang pula ka diphologolo le dimela le tsone di tlhoka pula go tshela.
O kgothaditse batho gore ba nne ka tsholofelo ba labile ko legodimong gore Modimo o tla nesa pula jaaka ba e rapeletse gore e ne. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : MAKALENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 04 Oct 2020