Monni wa Kanye o ipelega ka temo ya merogo
04 Oct 2020
Molemi wa merogo wa kgotla ya Goo-Lobeko kwa Kanye o ikaegile ka temo ya merogo e a e direlang mo lelwapeng la gagwe.
Rre Radifouni Motsekhumo wa dingwaga tse di masome matlhano le borobabongwe, o kgaogantse lelwapa la gagwe gabedi, ntlha e nngwe ke ya bonno fa letlhakore le lengwe a lema merogo.
O tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e e nang le dingwaga di robabongwe e le maiteko a gagwe mme a sa thusiwa ke bape.
Maiteko a gagwe ke sekao sa gore go lema tshingwana ya merogo mo lwapeng ke sengwe se se ka inolang bontsi mo lehumeng.
O lema merogo ka go farologana jaaka sepinichi, rape, khabeche, kwii, betiruti le e mengwe mme a tlhalosa fa a dirisa menontshane ya dikoko fela mo dijwalong ka a tshaba gore menontshane e mengwe e ka nna le ditlamorago tse di sa siamang mo mmung.
A re o dumela gore temo ya merogo ke tiro e a e filweng ke Modimo ebile o tlaa kgaoganngwa nayo ke leso.
Rre Motsekhumo o simolotse ka go kgweetsa diterekere a lema ka tsone mme yare go tsweletse a tlelwa ke keletso ya go lema merogo.
A re o kile a ne a itse go tlhagola ka mogoma wa Setswana ebile a itse go thebela ditloo mme morago a inaakanya le temo ya merogo.
A re o ne a seka a tlhola a gadima kwa morago, mme a tlogela diterekere tse a neng a hirilwe go di kgweetsa.
Rre Motsekhumo o simolotse a dirisa baesekele go isa thobo ya gagwe kwa mmarakeng mme mo nakong eno o rekisetsa dikole di le tharo tse dipotlana kwa Kanye ditamati, dikwii le merogo a dirisa koloi ya phiriso.
Temo ya merogo go ya ka ene, e gaisa thuo ya dikgomo kgotsa dihutshane ka o lema ngwaga otlhe ebile ga e na mariga kgotsa leuba.
A re ene ke motho yo o tlwaetseng go iphufulela, a itirela ka diatla ebile o dumela gore fa puso e ka mo thusa, e tlaa mo fitlhela mo tseleng.
Rre Motswakhumo a re o kgothadiwa ke setshidi se gotweng nonyane, se se tshelang se bo se godisa bana ba sone ka go ba selaselela gape o gwetlhilwe ke mafoko a ga tautona wa bobedi wa lefatshe leno, Sir Ketumile Masire a gore metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balatedi.
Mme jaaka tiro nngwe le nngwe e e nang le bokamoso, go lema merogo le gone go na le dikgwetlho, a supa fa tiro ya gagwe e batla bopelotelele le boitshoko.
A re temo ya gagwe e kile ya itewa ke sefako ngwagatlola mo a neng a senyegelwa fela thata mme a amogela seemo a itse fa se ka tlela mongwe le mongwe.
A re dikgwetlho tsa botshelo di mo kgothatsa go dira ka bojotlhe.
Gape a re o itemogetse gore kgwebo kgotsa botshelo ga bo batle motho yo o ditlhong kapo yo o ineelang. E batla motho a ititeile sehuba a tsena gongwe le gongwe a ipapatsa a sa kgathale gore batho ba tlaa reng, ka se se botlhokwa ke boleng jwa dithoto.
O tladitse ka gore tshimo e a ilelwa. “Go tswa goo-lowe go tsenwa mo tshimong phakela le maitseboa, e seng motshegare wa sethoboloko,” Rre Motswakhumo a tlhalosa, a re le ya gagwe o tsena phakela le maitseboa fela.
A re batho ba le bantsi jaaka baithuti ba sekole se segolwane sa Seepapitso ba a mo etela go ya go tsaya malebela.
Rre Motswakhumo o setse a kile a abela kokelo ya Athlone kwa Lobatse, Kgosikgolo wa Gangwaketse Malope II le batho ka go farolagana.
O kopile Batswana go tlhagalela go itirela go na le go direlwa ke puso a re go itirela go monate.
A re thuso ya puso go le gantsi e a bo e le go buledisa motho gore a tloge a ikemele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Topo Monngakgotla
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 04 Oct 2020