Maape Maapelong a dinama
04 Oct 2020
Mo malobeng, metse e ne e tewa maina go lebilwe ditsatlholego, ditiragalo le diphologolo tse di fitlhelwang mo lefelong.
Go ntse fela jalo ka motse wa Maape kwa kgaolong ya Tswapong, o o sa leng o nna teng pele ga Botswana a ipusa.
Motse o, o dikaganyeditswe ke dithaba tse go bolelwang fa e le tsa sedimo.
Di palangwa fela ke motho yo o kopileng tetla kwa bogosing.
Kgosi Matshwenyego Rantsiapana wa Maape, o tlhalositse mo potsolotsong fa motse o, o tlhomilwe ka 1916 ke Bapedi go tswa Aferika Borwa, mme ba tswa mo morafeng wa Bakgopeng, sereto sa bone e le mmutla.
Leina Maape le tswa mo tiragalong ya bogologolo, morafe o letlelesega go tsoma diphologolo tsa naga.
Go bolelwa gore e ne ya re banni bangwe ba sena go tsoma ba nna fa lefelong lengwe, ga apewa ga jewa dinama. Golo foo go ne go bidiwa fa maapeelong a batsumi.
Kgosi Rantsiapana o tlhalositse gore ka nako eo morafe o ne o utlwana, ka jalo le go ja o ne o ja o le mmogo golo go le gongwe.
A re leina Maape go ne go kgaolwa maapelo a batsumi.
A re lefelo leo e ne e le kwa kgosi kgolo ya Bangwato, Kgosi Tshekedi Khama a neng a feta teng, fa a tlhola morafe wa gagwe a tsamaya ka dikoloi tsa kgothokgotho kana mmanyekere.
Ka nako eo, go ne go se na dipolase, mme dikgomo di ne di tsamaya fela go fitlha kwa nokeng ya Oodi, e gompieno e bidiwang Limpopo.
Maape o sa ntse a tshegeditse ngwao le mo metlheng eno, banni ba sa ntse ba obamela badimo.
Kgosi o boletse fa go na le setlhare sa mowana fa thoko ga thaba e e bapileng le kgotla, se e leng sone dikgosi di se dirisang go bua le badimo. Setlhare se, se tsewa e le kwa diofising tsa badimo.
Kgosi a re ba isa mabele teng ka ditlatlana go ya go kopa pula le go fodisa malwetse.
Ntlha e nngwe e kgatlhang ka Maape ke gore motse o ikgaogantse ga bedi; Maape Mophaneng le Maape Taung. Se mme ga se reye gore dikgosi di pedi, Kgosi Rantsiapana o okametse matlhakore oo-mabedi.
Kwa tshimologong, motse o ne o le letlhakore le le lengwe, ka fa morago ga lentswe le le kwa bophirima jwa Maape Taung.
Phudugo e nnile fa morafe o sena go sika kwa ba ka nnang teng, ba tshaba motlhaba o o neng o le montsi thata, o palela le dikoloi, mme ba ya go thibelela kwa Maape Mophaneng.
Ya re ba le kwa Mophaneng, ga tla rre mongwe wa Mosweu, yo a neng a epa sediba kwa borwa jwa Mophaneng, mme bangwe ba tswa kwa motseng go ya go se tlhokomela.
Lefelo le ka le ne le na le metsi a mantsi, bangwe ba fudugela teng.
Kgosi Rantsiapana o tlhalositse fa diphologolo ka mefuta di ne di botha koo, mme ditau le tsone di tle ka mmetela go di lalela.
Leina Maape Taung, le tswa fa.
Kwa Mophaneng, Kgosi o bolela fa go ne go le ditlhare tse dintsi tsa maphane.
Beng fa ba boka mafelo ka bobedi, baare Maape1 le Maape 2, mme se se monate ke kutlwano e e sa batlweng fa gare ga morafe.
Go supa se, kgotla e tona e itshetletse fa gare ga Taung le Mophaneng gore e seka ya nne o kare sepe se sokametse kwa bangweng.
Maape o na le dikgotlana di le tlhano, fa palo ya batho e ka tshwara 1 350.
Kgosi Rantsiapana a re ditlhabololo di bonya go goroga, mme thata ba lela ka letlhoko la ditiro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MAAPE
Event : Potsolotso
Date : 04 Oct 2020