Orthosurge e abela lelwapa ntlo
01 Oct 2020
Khamphani ya Orthosurge Botswana e abetse boora-Selebogo ntlo kwa Hebron e le maiteko a go ba fa seriti morago ga gore batsadi ba bone ba tlhokafale.
E rile a bua kwa moletlong wa go abela bana bao ntlo ka Matlhatso, mookamedi wa khamponi eo, Rre Sehularo Motshegare, a tlhalosa fa ka thuso ya komiti ya ditlhabololo tsa motse ba ile ba utlwa ka selelo sa lelwapa leo.
Ntlo eo e na le dikamore tse pedi le ntlwana ya boithomelo le fa go apeelwang teng.
Rre Motshegare o ne a tlhalosa fa ntlo eo e tlaa neela bana bao seriti, a tlhalosa fa khamphani e ipela ka go netefatsa gore e thusa ba ba tlhokileng lesego.
O supile fa maikaelelo a bone e le go thusa Batswana go nna le bonno jwa tlhwatlhwa, a tlatsa ka gore maikaelelo a mangwe a bone ke go fa setshaba seriti.
O tlhalositse gape fa ba itlamile gore e ntse e le mo kgaolong ya Borolong, ba ikamanye le sekole sa Borobadilepe go se thusa ka tse se ditlhokang.
E rile a amogela ntlo e mo boemong jwa khansele potlana ya Good Hope, mothusa modulasetilo wa khansele Mme Opelo Mongwa a tlhalosa fa Orthusurge e nnile tshegofatso e tona.
Mme Mongwa o kaile fa botlhoki bo le teng mo kgaolong ka jalo go bona makalana a ntse a itlama go thusa go nametsa, mme gape a ba leboga a supa fa Modimo a tlaa ba okeletsa fela thata.
O ne a leboga setshaba go tswelela ba thusa batho a supa fa khamphani ya Orthusurge e le sekao mo setshabeng go tlhokomela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : Hebron
Event : Kabo dimpho
Date : 01 Oct 2020