BDP e thusa monni yo o shwetsweng ke ntlo
01 Oct 2020
Maloko a Botswana Democratic Party (BDP) kwa Mahalapye East ba abetse Mme Gape Ketwaetse dikobo di le tlhano le malao a mabedi morago ga gore ntlo ya gagwe e jewe ke molelo kgwedi ee fetileng.
Go begwa fa ntlo ya ga Mme Ketwaetse wa kgotla ya Mokubatse, e ne ya jewa ke molelo o go sa itseweng se se o bakileng, mme a latlhegelwa ke dilwana tsotlhe tsa ntlo le dibuka tsa bana tsa sekole.
Mothusa modulasetilo wa BDP kwa Mahalapye East, Mme Gaone Molebatsi, a re e ne ya re ba utlwa ka se se diragaletseng Mme Ketwaetse ba gwetlhega go mo tswa thuso, mme ba ikopanya go bona gore baka mo thusang jang mo nakong e khutshwane ka ebile a ne a na le kgwedi tse pedi fela a ntse a dirisa ntlo eo.
Rre Thebe Setlalekgosi, yo e leng mothusa modulasetilo wa khansele ya Mahalapye, a re khansele e itse ka seemo seo, mme ba tlaa tswa Mme Ketwaetse thuso.
A re ba tlaa itsise ofisi ya boipelego gore a bone thuso ka bonako.
Morago ga go bona ditshenyegelo tsa ntlo eo, Rre Setlalekgosi o ne a tlhalosa fa ba tlaa bona gore ba ka mo thuso jang go tsweledisa thuso e ba setseng ba e mo neetse.
Mme Ketwaetse o ne a leboga Modimo ka jaana ka nako ya fa molelo o tlhasela, go ne go sena ope mo ntlong eo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Pulamoeng
Location : Mahalapye
Event : Kabo dimpho
Date : 01 Oct 2020