Mokhanselara o kgalela banni go leswafatsa tikologo
01 Oct 2020
Mokhanselara wa kgaolwana ya Boseja/Flowertown o kgaletse banni ba kgotla ya gagwe go leswafatsa tikologo.
Rre Tumelo Koolekanye o buile se bosheng morago ga thulaganyo ya go phepafatsa kgotla ya Flowertown.
A re bangwe ba dira tikologo leswe ka go latlhela matlakala gongwe le gongwe.
Rre Koolekanye o tlhalositse fa ba gwetlhilwe ke go bona tikologo e le mo seemong se se sa itumediseng.
“A re tseyeng maikarabelo, re begele ba ba maleba fa re bona bangwe ba latlhela matlakala fa go sa tshwanelang,” ga rotloetsa mokhanselara.
A re dihutshane tse di nnang mo motseng ga di rekwe ka jaana bareki ba supa fa di sa itekanela ka gore di ja dipampiri tse di tletseng mo motseng.
O boletse gape fa babereki ba Ipelegeng ba tlaa phepafatsa lefelo leo le ntswa batho ba le dirile le go latlhelwang matlakala mo go lone.
A re lefelo leo le ka dirisiwa e le la iketsho bodutu go na le gore go latlhelwe matlakala mo go lone.
O tlhalositse fa khansele e tlaa thapa babereki ba le masome a matlhano, kgwedi yone e go ya go ema ka Mopitlo ngwana o o tlang.
Ba tlaa bo ba itebagantse le go phepafatsa tikologo.
Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Bofitlha Bele wa kgotla ya Kanamo, o gateletse botlhokwa jwa bophepa, a rotloetsa banni go tswelela ba phefatsa tikologo ya bone go itsa leruo la bone go ja leswe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Pulamoeng
Location : Mahalapye
Event : Phepafatso tikologo
Date : 01 Oct 2020