Breaking News

Kgosi o lela ka leruo mo motseng

01 Oct 2020

Kgosi Mokopakgomo Kgomokgwana wa Moiyabana kwa kgaolong ya Legare o kgadile batho ba ba ruelang mo motseng.

O boletse mo potsolosong fa ditsheko di ile magoletsa ka batho ba seka tshenyo ee bakiwang ke leruo le le tletseng mo motseng.

O boletse fa leruo le senya dithunya, ditlhare tsa mekgabisa le tsa moruti mo go botlhoko.

A re bontsi jwa leruo gape bo tlhaetsa morafe metsi a batho ka beng ba lone ba nosa fela mo malwapeng mme metsi a tlhaele batho. 

Kgosi Kgomokgwana a re dipego di tsena kgapetsakgapetsa kwa kgotleng ka banni ba itaana ka noga e tshela ka ntata ya leruo le. 

O kaile fa bontsi jwa leruo e le dikgomo le dihutshane tse beng ba tsone ba di boneng ka lenaneo la LIMID.

Kgosi Kgomokgwana o kopile batho go ruela kwa merakeng le masimong go itsa ntwa fa gare ga banni ba motse. 

A re fa batho ba fiwa leruo ka mananeo go ne go netefatswa gore ba ya go le ruela kae le gore le ya go nwa kae.

Kgosi o boletse fa a ne a ntsha magosana a gagwe go laela barui go ntsha leruo mo motseng mme bangwe ba ntse moriti o tsididi fela fa manotonyana ba seegela mafoko a gagwe tsebe.

Kgosi Kgomokgwana o gakolotse balemi-barui gore nako ya letsema e gorogile, pula e gaufi thata le go phaila mme a ba kopa go ipaakanyetssa temo

O kopile morafe wa gagwe gore ba ye go baakanya diterata tsa masimo le go agelela mo go siameng go itsa tshenyo jaaka go jelwa dijwalo mo go dirang gore balemi ba gogagogane.

Lefa go ntse jalo kgosi o boletse fa morafe o obamela melawana ya go laola kanamo ya mogare wa corona. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Moiyabana

Event : Potsolotso

Date : 01 Oct 2020