Breaking News

Maloko a kopiwa go itlhokomela

01 Oct 2020

Mokwaledi wa lekgotla la babereki la Manual Workers Union, Rre Johnson Motshwarakgole, o kopile maloko a lekgotla leo go tsaya segajaja sa COVID-19 ka tlhwaafalo.

O buile seo kwa bokopanong jwa maloko kwa Tutume ka Labobedi.

A re maloko a tshwanetse go reetsa le go sala morago ditaelo tsa badiri ba botsogo ka go rwala dithiba molomo le nko, go tlhapa diatla ka metsi a a nang le molora le go katologana ka nako tsotlhe.

O ba gakolotse gape go ikgapha mo metsamaong e e sa tlhokafaleng go dibela kanamo ya mogare wa corona.

Rre Motshwarakgole a re COVID-19 e amile lekgotla leo thata ka ba ne ba tshwanetse go tshwara bokopano jwa ngwaga le ngwaga,  mme ka jaanong go sa letlelelwe kokoano ya batho ba ba fetang masome matlhano, seo se ba tsentse mo pitlaganong.

 A re seo ke sone se se ba gwetlhileng gore ba tsamaye ba buisa maloko go tsaya megopolo mo go bone gore ba dire jang, ka e bile ka nako ya bokopano joo ba ne ba tshwanetse go tlhopha khuduthamaga.

Mo go tse dingwe, Rre Motshwarakgole o ne a itsisi maloko fa go na le mogopolo wa gore go sekasekwe go okediwa ga ditlhopha tsa dikamogelo tsa badirelapuso.

O tlhalositse gape gore go akanngwa gore go fetolwe le dituelo tsa babereki gore ba duelwe morago ga beke tse pedi dingwe le dingwe.

A re se se tlaa bo se direlwa jalo go tsosolosa itsholelo mme gape bagwebi ba tlaa akola ka theko e tlaa nna e tsweletse.

E rile a tswa la gagwe, mongwe wa maloko a komiti kgolo ya lekgotla le, Rre Samuel Molaodi a kopa badirelapuso go nna ba ipaakanyeditse kgonagalo ya go kgaolwa mo ditirong.

Rre Molaodi a re Motswana o rile mosele wa pula o epiwa go sale gale, ka jalo ba tshwanetse go bereka ba baakanyetsa isago.

O ne a ba kopa go amogela diphetogo tse di tlang le go nna ba ipaakantse gore di seka tsa ba tsenya mo kgatelelong.

Fa ba tswa la bone, ba tsena phutego eo,  ba ne ba amogela mogopolo wa go oketsa ditlhopha tsa kamogelo, ba bolela fa o siame fa o tshwantshanngwa le wa go amogela morago ga beke tse pedi di tlhomagane.

Ba ne ba kopa lekgotla go potlakela kgang ya bukana ya tsamaiso ya mo tirong.

Ba tlhalositse fa gantsi fa ba e kopa kwa mohiring ba sa e fiwe, mme e re fa ba na le dikgang le mohiri, mohiri a itsetsepele ka gore ba ntshe ‘scheme of services’ le ntswa a itse fa ba sena nayo le go e bona go le thata. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Bokopano

Date : 01 Oct 2020