Breaking News

Kgosi wa Kokotsha o tlogela tiro ka bogodi

01 Oct 2020

Kgosi Samson Kudume wa Kokotsha kwa kgaolong ya Kgalagadi o tlogela tiro ka bogodi morago ga go etelela pele morafe dingwaga tse di masome a mararo le bobedi.

Fa a laela morafe wa gagwe ka Labotlhano, Kgosi Kudeme o supile fa a tsene mo setilong sa bogosi ka 1988 morago ga go tlhophiwa ke morafe.

O boletse fa a ne a eteletse pele merafe e e farologanyeng e akaretsa Bangologa, Baherero, Makhalate le Basarwa.

A re o ne a kgona tiro ka go bo go ne go na le therisano, tshwaragano, tirisanommogo le lerato.

Kgosi Kudume, yo o dingwaga di masome a ferabobedi, a re pele a tsena mo setilong, motse o ne o sena ditlhabololo tse di kalo kwa ntle ga kokelwana fela. A re gompieno o na le sekole se se botlana, ofisi ya kgotla le ya boipelego le matlo a komiti ya ditlhabololo tsa motse.

O lebogetse puso ditlhabololo tse, a re di nnile le seabe mo koketsegong ya batho le kgolo ya motse.

A re lenaneo la Ipelegeng le bolokile banni ka bontsi ka ba itshetsa ka lone le go papala maungo le dimela tsa naga jaaka mahupu, moretlwa, motlopi le sengaparile le thuo bogolo jang ya dihutshane.

O supile fa a itumedisiwa ke tshwaragano ya boeteledipele jwa motse. 

Kgosi Kudume o lekodisitse morafe fa keletso ya gagwe e le gore ngwana wa gagwe wa monna a se kotame le fa go supega fa ba le bantsi ba se emetse.

Kgosi Vincent Phologo wa Makopong, mo boemong jwa bodiredi jwa makgotla a Setswana, o ne a leboga Kgosi Kudume gore a bo a kgonne go etelela morafe lebaka le le kalo ka ebile bogologolo magosi a ne a ithaopa.

A re o ne a kopana le dikgwetlho mme a kgona go tswa ka ditharabololo .

Kgosi Phologo o boletse fa keletso ya bone e le magosi a nako eno, e le go ithuta le go reetsa dikgakololo mo magosing a pele mme ka maswabi, bangwe ba bone mo metseng e e mabapi ba tlogela tiro ka bogodi selo se a reng se ne se tlaa ba thusa go ka ba betlela tsela e e siameng ya go etelela pele morafe.

O supile fa puso e tlaa dira thulaganyo go tla go buisa morafe gore go tlaa diragala jang go thiba phatlha ya ga Kgosi Kudume, gore morafe o seka wa tlhoka thuso nako e telele.

Kgosi Phologo o lebogile mohumagadi wa ga kgosi, bana le masika go mo ema nokeng mo nakong tse di thata mme a o tlogela morafe o le seopo sengwe.

Morafe supile fa o tlaa dira dithulaganyo go direla kgosi tsamaya sentle, go mo lebogela tiro e a e dirileng ka manontlhotlho. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Kokotsha

Event : Loeto

Date : 01 Oct 2020