Breaking News

Monana o abela baithuti mesangwana

01 Oct 2020

Monni wa Mabeleapudi kwa kgaolong ya Legare, Mme Tsholofelo Gasenna, a re go tlhoka mesangwana ya bomme go kgoreletsa basetsana bangwe go tsena sekole sentle.

Mme Gasenna, yo o dingwaga di masome a mabedi le botlhano, a re o godile a bona bontsi jwa bana bo tlolwa ke dithuto fa ba le mo setswalong, mme seo sa mo gwetlha go dira pharologanyo mo botshelong jwa ngwana wa mosetsana.

O ne a bua bosheng kwa sekoleng se segolwane sa Mannathoko kwa a neng abela baithuti ba basetsana mesangwana e le makgolo a mararo le masome a mabedi le bobedi.

A re o itlamile go thusa bana ba basetsana mo metseng e e farologaneng a bo a kopa Batswana go tsaya karolo mo maitlamong a gagwe le go supa mowa wa tshwaragano le kutlobotlhoko mo go ba bangwe.

Mme Gasenna o rotloeditse basetsana go nna le boitshwaro jo bo eletsegang ka ba lebanwe ke dikgwetlho jaaka go ima le go dirisiwa botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo.

O ba rotloeditse gape go tlotla le go rata barutabana ba bone ka go dira jalo ba ka kgona tiro ya sekole.

A re ba tlhophe ditsala tse di siameng go tila go wela mo thaelong.

A re go tsaya dithuto ka tlhwaafalo go ka ba thusa go  tsoga ba tshela botshelo jo ba bo batlang, a bo a ba kopa go tsaya ditshwetso tse di maleba mo dithutong tsa bone go itsa gore kamoso ba bo ba setse ka boikotlhao.

Mme Gasenna a re boitshwaro jwa baithuti bo fetogile mo ba setseng ba itaya barutabana mme a ba kopa go tsaya barutabana jaaka batsadi ba bone.

Mogokgo wa sekole sa Mannathoko, Rre Ontiretse Lekoba, o ne a leboga Mme Gasenna go bo a simolotse maitlamo a gagwe a go thusa baithuti ka sekole sa bone.

O tlhalositse fa barutabana ba sekole sa Mannathoko ba koleka kgwedi le kgwedi go rekela bana ba ba tlhokang mesangwana gore ba seka ba fetwa ke dithuto, ka jalo thuso ya ga Mme Gasenna e tsile ka nako ee siameng.

Rre Lekoba a re letlhoko le lentsi lefatshe ka bophara mme a kopa Batswana go thusa ba ba sa kgoneng. Ends

Source : BOPA

Author : Chendzimu Mbaeva

Location : Mahalapye

Event : Kabo dimpho

Date : 01 Oct 2020