Tlou e ganelela kwa Mokwena
29 Sep 2020
Badiri ba lephata la diphologolo le makgabisanaga ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go leka go gatelela tlou e jaanong e shakgetseng thata kwa kgaolwaneng ya Ramotimane, botlhaba jwa Molepolole.
E rile maabane badiri ba lephata leo le babegadikgang, ba bolotsa letsholo go e tsaya ka motlhala morago ga gore e bonwe kwa Magokotswane gone kwa Molepolole.
E ne ya re ba sena go e bona, ga lemosega fa e sa batle go tswa fa e neng e le teng mme ba e fula ka tlhobolo. Morago ga seo, seemo se ne sa rata go tswa mo taolong ka jaana tlou e ne ya tlala ka bogale mme ya leka go ba tlhasela.
Mo potsolotsong, mogolwane wa lephata la diphologolo wa kgaolo ya Kweneng, Mme Mercy Munyadzwe o tlhagisitse banni, bogolo jang ba ba kwa botlhaba jwa motse, go nna kelotlhoko go hema go tlhaselwa ke phologolo e.
Tlou eo e ne ya bonwa lantlha ka Sontaga kwa masimong a Semarule, gaufi le legaga la ga Kobokwe mo tseleng ya Molepolole le Thamaga. Go dumelwa fa e okiwa ke metsi a a mo tikologong eo. ends
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Interview
Date : 29 Sep 2020