Breaking News

Koporase ya Kaudwane e gokela motlakase wa marang a letsatsi

28 Sep 2020

Banni ba Kaudwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba itumeletse go tsenngwa ga motlakase wa marang a letsatsi mo koporaseng ya motse oo.

Kgosi Tsholo Segwaba a re se ke se sesupo sa gore koporase ya bone e a gola ebile e tlaa simolola go rekisa dilo tse e neng e sa di rekise ka ntlha ya go tlhoka motlakase.

Modulasetilo wa koporase eo, Rre Kagoetsile Gaoganelwe, o ne kaya fa ba ne na bona go le botlhokwa go gokela koporase eo motlakase gore ba e dirise  ka jaana ba le kgakala le ditlamelo.

O boletse fa go ne go se motlhofo mme ba ne na tsaya madi a dipoelo go tsenya motlakase.

“Khansele potlana ya Letlhakeng e ne e re fa ditiro mme seo sa re thusa go nna le letseno le le botoka mme se sa re thusa go gokela motlakase,” a tlhalosa.

Rre Gaoganelwe o ne a tlhalosa gape fa ba tsentse sekano sa koporase gore ba tle ba ithekise ka sone, a supa fa ba le mo maranyaneng go tlhofofatsa go bapatsa dithoto tsa bone. 

O ne a kopa banana go tsena mo komiting ya koporase eo ka ba iteilwe seatla gore ba tle ba ba thuse go bapatsa dithoto tsa bone ka maranyane.

O tlhalositse fa ba na le babereki ba le boferabongwe mo koporaseng eo, magareng ga bone go na le mo-na-le-bogole yo ebile ba itumelelang go dira ga gagwe.

Mo go tse dingwe, o ne a kopa gore go dupiwe dibuka ka jaana di sale di lebelelwa ka ngwaga wa 2014. 

O ne a tswelela a supa fa maikaelelo a bone e le go oketsa madirelo a koporase eo go rekisa dilwana tsa kago, gas le go bula marekisetso a nama. 

A re fa seo se ka diragala, ba ka kgona go hira batho ba le bantsi.

Mogolwane go tswa kwa lephateng la peeletso, papadi le madirelo, Mme Lorato Tjikwakwa, o ne a supa fa maikaelelo a go aga dikoporase e le gore di nne le seabe mo go fediseng lehuma, go tsisa ditlamelo le ditirelo kwa bathong le gone go tlhama ditiro.

Mme Tjikwakwa o tlhalositse fa go supagala gore batho ba ba tlhophilweng go tsamaisa koporase ya Kaudwane ba dira sentle, ka jaana ba tsentse motlakase wa marang a letsatsi ka madi a dipoelo a a fetang P200 000.

O tlhalositse fa erile ka ngwaga wa 2012, palamente ya bona go le botoka go tsosolosa dikoporase le gore di ikemele le gone go di tsamaise ka dipilara tse di ferang bobedi jaaka go fetola ka fa ba lebang dilo ka teng, ba tshwaragenele tiro gore di tswelele, go tsaya karolo ga banana mo dikoporaseng le gone go tsenya dikano mo go tsone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Kaudwane

Event : Potsolotso

Date : 28 Sep 2020