Breaking News

Peo ya ditsha e a kgetholola - Tsuokgo

28 Sep 2020

Mokhanselara wa kgaolwana ya Lesirane kwa kgaolong ya Kweneng, Mme Leungonyana Tsuokgo, a re o tshwenngwa ke tsela e ditsha tsa batho ba ba tlhokileng lesego jaaka ba-na-le bogole le masiela di bewang ka teng.

Mokhanselara Tsuokgo, yo a neng a akgela mo molaetseng wa modulasetilo wa khansele bosheng, a re o tshwenngwa ke gore ditsha tse, di kgobokanngwa golo go le gongwe kwa ntle ga motse kwa ebileng go senang ditlamelo.

O kopile khansele go tsenya kgang e leitlho ka matshelo a banni bao a le mo diphatsheng ka go bewa kwa thoko ebile ba sa kopane le morafe.

A re seemo se se a fatlha ka jaana ga se fe batho bao seriti ebile se dira gore ba tshele ba sa babalesega.

Mokhanselera wa Gaphatshwa/Mmopane Block One, Rre Moemedi Mokhachane, ene o ne a supa fa thulaganyo eo e le bokowa, ebile e tlontlolola beng ba ditsha, mme a kopa gore go bewa go dirwe ka go kabakanngwa gore batho ba seka ba tlhaolwa ka seemo sa botshelo jwa bone

Mokhanselara wa kgaolwana ya Kopong Bophirima/Gakuto, Rre Mathata Selaledi, o gakolotse gore peo ditsha ya batho ba ba thokileng lesego, e tsenngwe mo moalong wa dipeo go na le go baya setlhopha se se rileng sa batho golo go le gongwe.

Mokhaselara Selaledi o supile gape fa a tshwenngwa ke dipone tsa mekgwatha mo mafelong mangwe, tse a reng ga di ntshe lesedi le le lekaneng.

O kopile gore ditirelo di tshwane, e seka ya nna jaaka ekete bangwe ba fiwa tsa boleng jo bo kwa tlase.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Macheng, Mme Grace Lejage, ene o ngongoregile ka tlhaelo ya metsi kwa sekoleng sa segolwane sa Matsheng, seemo se a reng se ka kgoreletsa ntwa kgatlhanong lr segajaja sa COVIOD-19.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Ratlhomelang, Rre Andrew Selwe, a re o tshwenngwa ke peo ya ditsha tsa diofisi dingwe tse di bewang ka tekanyetso ya ditsha tsa bonno.

A re ditsha tsa mofuta o, di tshwanetse go bewa ka kitso ya gore go tshwanetse ga nna le maemelo a dikoloi le dikago tse dingwe tsa puso.

A re tharabololo ya kgang e, e tsaya lebaka mme ebile go sena tsholofelo gore e tlaa kitla e rarabologa.

Mokhanselara yo o itlhopetsweng, Mme Neo Segaise o kopile gore bodiredi bo se bewe golo go le gongwe lebaka go itsa go kgoreletsa ditirelo ka ntlha ya go tlwaelana ga bodiredi le morafe.

“Go nnela ruri golo go le gongwe ga bodiredi ga go tokafatse ka gope go ntshiwa ga ditirelo ka jaana bodiredi jwa go nna jalo bo dira dilo ka tlwaelo ba sa tshwenngwe ke go fapoga ditsamaiso,” Mme Segaise a tlhalosa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Molepolole

Event : Bokopano jwa Khansele

Date : 28 Sep 2020