Breaking News

Lephata le gatelela tlou go tswa gaufi le Molepolole

28 Sep 2020

Lephata la diphologolo le dira ka gotlhe go laola motsamao wa tlou e e bonweng kwa masimong a Semarule ka Tshipi le kwa Molepolole kwa kgaolwaneng ya Magokotswane maabane.

Mo potsolotsong, mogolwane wa lephata leo wa kgaolo ya Kweneng, Rre Thebeyakgosi Horatius, o boletse fa maikaelelo e le go e sala morago go fitlhelela ba kgona go e busetsa kwa lefelong la diphologolo la Khutse.

Rre Horatius o tlhalositse fa ba ne ba begelwa ka tlou eo mme ba simolola go sala motlhala wa yone morago ka Labotlhano go tswa kwa Moshaweng pele ga e bonwa kwa masimong a Semarule.

O tlhalositse fa go lebega motsamao wa yone o ne wa kgoreletsega ka jaana e ne ya iphitlhela e le fa gare ga batho.

A re maikaelelo a bone ke go leka ka bojotlhe go e kganela go fitlhela e leba ntlha ya lefelo la diphologolo mme fa seo se ka retela ke gone ba ka lekang go e idibatsa gore ba kgone go e isa kwa Khutse.

O ne a tlhagisa setshaba go nna kelotlhoko le go hema go tsosa modumo fa ba e bona. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Molepolole

Event : Potsolotso

Date : 28 Sep 2020