Breaking News

Mapodisi a kopa go batlisiwa mmelaelwa

28 Sep 2020

 Mapodisi a Kanye a kopa setshaba go a thusa go batla Ratanang Ralokha (24) wa Kanye.

Rre yoo o belaelwa mabapi le melato ya go fisa matlo a le matlhano le dikoloi tse pedi kwa kgotleng ya Tsootswe.

Ramapodisi wa Kanye, Rre Mmoloki Mogale o boletse fa sepodisi se le mo patlong ya rre yo ka a amanngwa le ditiragalo tse. 

A re ga ba ise ba tlhotlhomise fa rre yo a itekanetse sentle mo tlhaloganyong.

Rre Mogale o supile fa mmelaelwa a le moleele, a le mmala wa thupa tsa maretlwa, mme a bonwe la bofelo a apere seaparo sa mmala wa lephutshe.

O kopile ba ba mo itseng kgotsa ba belaela mongwe, go leletsa nomore ya sepodisi ya 5440223/22  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 28 Sep 2020