Breaking News

Ba Mahalapye ba kgothaditswe go ikaega ka Modimo

27 Sep 2020

Father Kenneth Mokgothu wa kereke ya Roma ebile e le moeteledipele wa lekgotla la baruti ba dikereke kwa Mahalapye o rotloeditse setshaba go ikaega ka Modimo.

Erile a bua kwa kgotleng kgolo ya Mahalapye ka Labone, go tswalela kgwedi ya merapelo o ne a re rotloetsa batho gore ba se itlogele ba laolwa ke maikutlo mme ba tsee boikarabelo mo matshelong a bone.

Mothusa kgosi kwa Mahalapye gape e le mothusa modulasetilo wa Ntlo Ya Dikgosi, Kgosi Tshipe Tshipe o kgothaditse setshaba go tshwaraganela go lwantsha kgokgontsho ya bong.

A re Batswana ba emise go kopa dingwao le mekgwa e e sa siamang mo merafeng e sele ka seo se leswafatsa ngwao ya bone.

Kgosi Tshipe o kopile dikereke go rapedisa thata kgokgontsho ya bong, gore molaetsa o goroge kwa diphuthegong.

“Borre a re tseyeng bomme e le balekane ba rona, e seng di dirisiwa tsa rona,” Kgosi a kgothatsa.

A re bana ba basimane le bone ba a kgokgontshiwa ka go dirisiwa botlhaswa fela jaaka ba basetsana.

Mogokaganyi wa ditirelo tsa bolwetsi jwa AIDS kwa kgaolong potlana ya Mahalapye, Mme Chipo Manyiwa a re tsholofelo ke gore kereke e gorose molaetsa wa matlhoko a puso e a rweleng kwa Modimong, a re dikereke di rapedise diemo di tshwana le HIV/AIDS, COVID-19 gammogo le dikotsi tsa dikoloi.

Mahalapye Sub-district Primary Health Care matron, Mme Cheneso Siku a re go nnile le balwetsi ba COVID-19 ba le barataro mo kgaololng, ba le bararo ba fodile fa ba bangwe ba santse ba le mo tlhokomelong ya bongaka.

Mme Siku o tlhalositse fa borre ba le maoto a tshupa go itlhatlhobela mogare wa HIV ka dipalo tsa ba ba itlhatlhobileng di le kwa tlase mo go tsa bomme.

O supile fa mogare wa HIV o ama banana thata, bogolo jang ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le botlhano le masome a mane le boroba bongwe.

O rotloeditse setshaba go tswelela se ipabalela mo segajajeng sa COVID-19 le go itlhokomela mo malwetseng a a sa tshelanweng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Pulamoeng

Location : MAHALAPYE

Event : Merapelo

Date : 27 Sep 2020