Breaking News

Maloko a masha a kgothaditswe go tila tshenyetso setshaba

27 Sep 2020

Motshwarelela bogosi jwa Batawana Kgosi Kealetile Moremi o gwetlhile maloko a masha a lekgotla la kabo- ditsha la goo Tawana go aba lefatshe sentle ntleng le tshenyetso setshaba.

Kgosi Moremi o buile seo kwa bokopanong jwa lekgotla la kabo-ditsha la Tawana le ba-na-le seabe ka labone mo Maun.

O ne a re maloko a o ba tsepame ka go tsaya ditshwetso tse di maleba ebile ba se dire tse di sokameng jaaka go tsaya pipa molomo.

Kgosi Moremi o ne a re maloko a kabo- ditsha a haphegile ka bangwe ba tlhophilwe ka dipotsolotso fa bangwe ba tlhophilwe ke Tona wa Lefatshe le matlo.

Le fa gontse  jalo, Kgosi Moremi o ne a ba tshepisa fa ba bogosi ba tlaa tswelela ka go tshwaraganela tiro ya kabo ditsha le lekgotla la kabo ditsha ka go bo ke tiro e e neng e dirwa ke ba bogosi pele ga boipuso.

Molaodi wa Kgaolo ya Bokone Bophirima Rre Keolopile Leipego ene o ne a tshwaela fa go tlhophiwa ga maloko a kabo ditsha go tsere lebaka ngwaga ono mme a re seo se bakilwe ke go bo puso ene e batla go dira diphetogo.

Rre Leipego one a supa gore go feletse go tlhophilwe batho ba ba ka isang lefatshe la Botswana ko diphetogong tsa ngwaga wa 2036.

Le fa gontse jalo, Rre Leipego o ne a re boloko ja kabo ditsha ga se tiro mme eke boithaopo jwa go direla setshaba.

A re maloko ao ba tshwanetse go aba lefatshe ka kelelelo ka go sa dira jalo go ka baka dikgoberego mo setshaba.

Rre Leipego a re kabo lefatshe e e mo Kgaolong ya Bokone Bophirima ke e e haphegileng a re seo se dirwa ke gobo kgaolo eo e na le mafelo a beilweng leitlho ke mafatshe a le mabedi.

A re maloko a tshwanetse go tlhaloganya fa lefatshe le fela le sa oketsege.

Mothusa modulasetilo wa Khansele ya Bokone Bophirima Rre Lekonne Masoko o ne a re maloko a kabo-ditsha a tshwanetse go tsibogela gore lefatshe la Botswana le tshwaiwa sentle, ka jalo a re go botlhokwa gore maloko a nne le kelelelo fa ba tsaya ditshwetso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : bokopano jwa lekgotla la kabo-ditsha

Date : 27 Sep 2020