Breaking News

Kgokgontsho ya bong e a kekela

27 Sep 2020

Mogolwane wa sepodisi wa kgaolo ya NO 11, Senior Superintendent Modise Gabatshwane, a re kgaolo ya Kweneng e tsweletse ka go itemogela koketsego ya dikgang tsa kgokgontsho ya bana ba dingwaga tse di kwa tlase.

E rile a lekodisa phuthego e tsweletseng ya khansele ya Kweneng ka Labone, Snr. Supt. Gabatshwane a supa fa bana ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le bobedi le lesome le bosupa ba dirisiwa botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo.

A re ga gona letsatsi le le fetang ba sa amogele dipego tsa melato ya kgokgontsho ya bana. O supile gore ka ngwaga wa 2019 go tsena ka kgwedi ya Phatwe, mapodisi a kgaolo ya gagwe mo Molepolole, ba amogetse kgang tsa kgokgontsho ya bana di le masome matlhano le botlhano mme mono ngwaga mo lebakeng le le tshwanang ba setse ba amogetse di le masome a robabobedi le bobedi. Mo lebakeng le le tshwanang, kgaolwana ya Letlhakeng e gatisitse dikgang tsa kgokgontsho ya bana di le tlhano ngogola, mme mono ngwaga di le lesome le bosupa.

“Se re se itemogetseng, ke gore bontsi jwa dikgang tse di diragalela mo malwapeng, mme babelaelwa bangwe e le batsadi ba bana kana bangwe ba masika,” ga tlhalosa Rre Gabatshwane.

“Seemo se, se a re tshwenya ka jalo re tlhoka seabe sa boeteledipele. Re tlhoka go tshwaragana, re tlhama dikomiti tse di ka thusang go tsenya leitlho go senola masula a go nna jaana mo gare ga rona re le setshaba,” ga ikuela mogolwane wa mapodisi.

Are dingwe tsa dikgang tse di rotloetswa ke tiriso ya nnotagi. Rre Gabatshwane are sengwe se ba se lemogileng ke gore bontsi jwa ba ba belaelwang mo borukutlhing jwa kgokgontsho ya bana, ke batho ba e leng gore itsholelo ya malwapa e ikaegile mo go bone.

E rile a tsibogela pego ya sepodisi, mokhanselara wa kgaolwana ya Salajwe, Rre Lopang Sebutlenyane, are o tshwenngwa ke gore bangwe ba melato e, e diragalelang mo ponong ya bone, ka ba itlhokomolositse go lemotsha ba ba tshwanetseng go tsaa kgato.

Rre Sebutlanyane are batsadi, barutabana le baoki ba tlhoka go ema ka dinao ba tsibogela dikgang tsa bana ba ba imang, e le maduo a kgokgontsho ya tlhakanelo dikobo, e seng go sireletsa badira molato.

A re batshwanetse ba tlhaloganye fa ba rwele maikarabelo a a kwa godimo mo kgodisong ya ngwana ka jalo go le bolthokwa go bega dikgang dipe tse ba kopanang natso.

Le ntswa Rre Gabatshwane a tlhalositse gore boikarabelo jwa mapodisi ke bo tshwara ba ba belaelwang, go ba lebisa melato, makhanselara ba gateletse gore badira melato ba dikgang tsa kgokgontsho ya bana ba seka ba fiwa sebaka sa go letela tsheko ba le kwa ntle ga kgolegelo.

Mokhanselara yoo itlhophetsweng, Rre Anderson Mathibe, a re go botlhokwa gore ba sepodisi ba tswelele ba gasa molaetsa mo setshabeng go se rotloetsa go nna le seabe mo go lwantsheng kgokgontsho ya bana.

A re go botlhokwa gore batsadi ba itse ditlamorago tsa kgokgontsho mo baneng.

Mokhanselara Andrew Selwe are dikatso tsa maloma tsebe di dirisiwe go thusa go senola dikgang tsa kgokgontsho.

Rre Selwe are go atswa ba ba kuelang dikgang tse go ka dira gore batho ba nne moko o thata go bega ditiragalo tsa go nna jalo.

Rre Selwe are batsadi ba ba ikgatholosang maikarabelo a go bega dikgang tsa kgokgontsho ya bana ba gagamadiwe phogwana, are go dira jalo go ka romela molaetsa mo setshabeng, ka jalo mongwe le mongwe a nne le seabe mo tshireletsegong ya bana.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Lentsweletau Botlhaba, Rre Rodgers Kgatitswe are go botlhokwa go lwantsha mathata a amang bana jaaka kgokgontsho  ka go thama dikomiti tse di ka thusang go loga maano a go itepatepanya le bothata jo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya Khansele

Date : 27 Sep 2020