Mokgatlho wa Vaswisu o itlamile go tlhabolola motse
24 Sep 2020
Banana kwa Seolwane kwa kgaolong ya Legare ba simolodisitse mokgatlho wa leina la Vaswisu go thusa go rarabolola dikgwetlho tsa motse wa bone.
Modulasetilo wa mokgatlho, Rre Emmanuel Ikgopoleng, a re mokgatlho o simolotse ka ngwaga wa 2014, mme leina Vaswisu le raya setlhopha sa basimane.
O tlhalositse gore mokgatlho o simolodisistwe ke baitlhaopi ba banana ba borre ba le lesome, mme mo nakong eno o setse godile ka dipalo le go akaretsa maloko a banana ba bomme.
“Re batla go arogana maele, ka maikaelelo a go tlhabolola motse wa rona. Mo nakong eno mokgatlho o godile. O na le maloko a le masome mabedi, ke akaretsa bomme ba le barataro,” ga tlhalosa Rre Ikgopoleng.
Rre Ikgopoleng a re mo maitekong a go fokotsa dikgwetlho, ba setse ba abetse sekole se se potlana sa motse dibuka le didirisiwa dingwe tsa itloso bodutu tsa bananyana ba mephato ee kwa tlase. A re ba thusitse gape monni mongwe wa Seolwane ka madi morago ga go shelwa ke ntlo.
Le fa mokgatlho o sena metswedi ya madi, Rre Ikgopoleng a re ga bana go ipona tsapa go thusa ba ba dikobo dikhutshwane, ka jalo a ikuela mo banning ba motse ka bongwe ka bongwe le dikhamphani go tswelela ka go ba ema nokeng.
A re ba tsweletse ka go loga maano a go kokoanya madi gore ba kgone go tswelela pele ka maiteko a go thusa setshaba.
“Setshwara ke ntsa pedi ga se thata, ka jalo ke dumela gore tshwaragano e tlaa re thusa go fenya. Maikaelelo a rona ke go atolosetsa dithuso tsa rona kwa metseng e mengwe. Re batla go bona mokgatlho o godile mo dingwageng tse tlhano tse di tlang, o phuntse metswedi ya go tsenya madi le dithoto tse dingwe tse di tlhokwang gore re kgone go itsamaisa,” ga tlhalosa Rre Ikgopoleng.
O supa gape fa ba ikaeletse go nna le seabe mo go tokafatseng maduo a baithuti le go ba thusa go tokafatsa boitshwaro ka kakaretso.
“Re batla go nna re kopana le baithuti go ba tlhatlhelela ka magokonyane a botshelo le bo bomosola jwa go dira sentle mo dithutong tsa bone,” ga tlhalosa Rre Ikgopoleng.
A re go tlhama mokgatlho wa boithaopo ga se selo se se motlhofo, mme fela go tlhoka bopelotelele le lerato mo go se motho a se dirang.
“Tirisanyo mmogo le therisanyo mo go ba o dirang le bone ke tsone konokono mo mokgatlhong fa o batla o atlega,” ga tlhalosa modulasetilo wa mokgatlho.
Rre Ikgopoleng o ne a rotloetsa monana ope fela yo o nang le mowa wa kutlolobotlhoko gore ke nako ya gore a eme ka dinao go thusa yo a bapileng le ene.
“Go abela mongwe yoo bapileng le ene dijo go molemo fela thata ka gosego letsogo le le abang go na le le le Amogelang,” ga tlhalosa Rre Ikgopoleng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Segojame Ikgopoleng
Location : Seolwane
Event : Potsolotso
Date : 24 Sep 2020