Makara o ikanya mmino wa setso
24 Sep 2020
Moopedi Leteng Lopang wa Mogapi, yo o itsegeng mo mererong ya bodiragatsi ka leina la Makara, a re o dumela gore mosepele wa gagwe wa go godisa serodumo sa pina ya setso o tsweletse sentle.
Makara o rotse kgatitso ee bidiwang Botshelo – Mosepele.
A re o setse a kile a kgabaganyetsa kwa Aferika Borwa ka ntata ya bodiragatsi.
Mo potsolotsong bosheng, o tlhalositse gore le fa a santse a le mo dingwageng tsa bonana, o ipelafatsa thata ka mmino wa setso.
Makara a re o dumela gore Batswana ba amogetse mmino wa gagwe ka oo mabedi.
O tlhalositse gore leeto la gagwe la kopelo le simolotse ka ngwaga wa 2017, mme le fa a le mosha, o lemogile fa mmino wa gagwe o setse o kgatlhile ba le bantsi.
A re mo nakong e, o apeile sengwenyana le Soul Bit Studio kwa Francistown go ipaakanyetsa go tsholela Batswana kgatiso ya bobedi.
Makara a re o dira ka natla go nna le seabe mo go lwantsheng segajaja sa COVID-19 ka jalo kgatiso ya gagwe e e tlang, e na le pina ee bitswang Mamba, mme maikaelelo a yone ke go gasa molaetsa ka COVID-19.
O ne a tlhalosa gore o simolotse go nna le kgatlhego mo mminong wa setso a santse a le kwa sekoleng se sepotlana.
A re mongwe wa bontsalae, e bong Kabelo Metseyabeng o ne a dira gore lerato la gagwe mo mminong wa setso le gole thata.
Ka setshwarwa ke ntsa pedi se se thata, Makara o tlhalosa gore o simolotse kopelo ka thuso ya baopedi ba bangwe jaaka Mapion le setlhopha sa Tau tsa Setso.
O tladitse ka gore ntle le bobedi jo, o dirile gape le baopedi ka go farologana ba ba mo thusitseng go ithuta mmino ya setso ee farologanyeng jaaka tsutsube le setapa, mme se sa dira gore a nonofe, ka jalo a bona go le botlhokwa go diragatsa toro ya gagwe ya gore a ikemele a le nosi. A re o dumela gore ka tlhotoetso, o tlaa kgona go nna moopedi wa popota wa pina ya setso.
Le fa a kopana le dikgwetlho mo tirong ya gagwe ya go godisa pina ya setso, Makara a re o tlaa tswelela a dira ka natla.
A re dingwe tsa dikgwetlho ke gore barati ba mmino mo malatsing a gompieno ba rata mmino o phatlaladiwa ka tiriso ya maranyane e seng go rekisa kgatiso ka CD.
O tlhalositse gape gore go thata gore modiragatsi kgotsa moopedi yo mosha a kgone go tsenelela mo marakeng.
Makara a re mo meletlong ka bontsi, go dirisiwa thata baopedi ba ba setseng ba tumile ka jalo seemo seo, se baya ba ba fatlhogang ka fa mosing. A re go botlhokwa go rotloetsa baopedi ba basha.
Le fa go ntse jalo, Makara o rotloetsa banana ba ba mo mererong ya kopelo kana ba ba nang le lerato le keletso ya go tsena mo mererong e, go nna pelotelele, ba seka ba itlhoboga ka gore lerato mo go se motho a se dirang le tumelo di ntsha maduo.
O supa fa gole botlhokwa go itirela metswedi ya botshelo go itshetsa.
“Dikgwetlho di nna teng go re nnotsha, e seng gore re latlhele toulo re lebale ka ditoro tsa rona,” ga tlhalosa Makara. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Segojame Ikgopoleng
Location : Palapye
Event : Potsolotso
Date : 24 Sep 2020