Breaking News

Mokhanselara o kopa gore tsamaiso ya lefatshe e fetolwe

23 Sep 2020

Mokhanselara wa kgaolwana ya Kopong Botlhaba, Rre Seipokeng Mokoto, a re makgotla a kabo ditsha a tshwanetse go sekasekwa ka maikaelelo a go tokafatsa tsamaiso

Mokhanselara Mokoto, yo a neng a akgela o mafokong a modulasetilo kwa phuthegong ya khansele ya Kweneng bosheng, o ne a kopa gore melawana e laolang ditsamaiso tsa makgotla a kabo ditsha e fetolwe go hema dikgang tsa go dira ka dilo ka tshokamo.

A re makgotla a kabo ditsha a latlhegetswe ke seriti ka jaana go lebega Batswana ba sena tshepho mo go one.

A re go na le tlhobaelo ya gore ditsamaiso tsa makgotla ao di bulegetse tshenyo.

Mokhanselara Mokoto a re o ema nokeng tshwetso ya ba kabo ditsha ya go boela morago tshwetso ya go ananya masimo ka go abela beng ditsha kwa Mogoditshane.

A re e re le ntswa thulaganyo eo e ne e dirilwe ka maikaelelo a gore lekgotla la kabo ditsha le kgone go bona lefatshe le le ka abelwang morafe, go lemosegile gore batho bangwe ba ne ba iketeletsa pele go amoga batho masimo a bone ka tsietso gore e nne bone ba akolang thulaganyo eo.

Mokhanselara wa Gaphatshwa, Rre Moemedi Mokgachane, o iteetse kobo moroko mafoko a ga Mokhanselara Mokoto ka go supa fa lekgotla la kabo ditsha le le mo tseleng ka go boela morago tshwetso eo ka jaanong e fapogile maikaelelo a yone.

A re maikaelelo a thulaganyo eo e ne ele go rotloetsa beng ba masimo a kgaolo ya Mogoditshane go ananya masimo ka ditsha ka maikaelelo a go thusa go fefosa dipeo tse di kgoreletswang ke tlhaelo ya lefatshe.

Kwa ntlheng tsamaiso e ne e le ya gore batho ba banang le ekere go ya go tse tharo ba ka ananya masimo a bone ka ditsha tse thataro, mme go tlhalosega seemo se ne sa tswa mo taolong morago ga go fetolwa ga molao wa tsamaiso ya lefatshe o o neng o re ekere e le nngwe e ka tlhomamisiwa go nna tshimo, ka jalo batho ba bo ba tabogela go kgaoganya masimo a bone gore puseletso e nne kwa godimo.

Modulasetilo wa khansele potlana ya Mogoditshane/Thamaga, Rre Dukes Mafhoko, e ne a re o dumela fa tsamaiso e le popota mme ebile ba kabo ditsha ba tswanela go e sala morago ka jaana e ka thusa go tlhabolola itsholelo ya Batswana ba kgaolo ya Mogoditshane ka puseletso ya ditsha fa ba amogwa lefatshe.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Bonewamang, Rre Kabelo Selome, o ne a kopa gore khansele e fefogele thulaganyo ya go epa mabitla go hema kanamo mogare wa corona mo go ka bakwang ke go epa mabitla ke diphiri.

Rre Ofentse Mareme wa kgaolwana ya Gabane Bokone Botlhaba le ene o dumela fa thulaganyo ya go ananya lefatshe ka ditsha e le e e tshwanelang go rotloediwa le gone go atolosedirwa kwa dikgaolong tse dingwe tsa mokwena eseng Mogoditshane fela.

“Kgang e tlhoka go potlakelwa ka jaana ena le bokgoni jwa go ka anamisa morage wa corona ka jaana tsela ya go epa mabitla ka thulaganyo e tlwaelesegileng ya diphiri mo kgaolong ya mokwena go ka nna diphatsa mo nakong eno ka go epiwa go sena pabalego e ba botsogo ba e rotloetsang”. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Molepolole

Event : Phuthego

Date : 23 Sep 2020