Lekgotla la ba bereki le abela baithuti kwa Kaudwane
23 Sep 2020
Lekgotla la Manual Workers Union kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng le abetse baithuti ba sekolo sa Kaudwane ba lekwalo la ntlha le la bobedi dibipamelomo le nko.
Fa a aba mpho ka Labobedi, modulasetilo wa lekgotla leo kwa Letlhakeng, Rre Maipelo Mpitwe, o ne a supa fa ba ne ba tsenya letsogo mo go thuseng bana jaaka puso e rotloetsa,.
O ne a tlhalosa fa ba tlhophile bana ba mophato wa ntlha le wa bobedi ka ba itse gore ba a latlha, ka jalo ba thusa batsadi mokgweleo o ba o rweleng.
Mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Letlhakeng, Rre Mosipidi Mokgolele, a re lefatshe leno le tlhasetswe ke mmaba o gotweng corona, o a setseng a gapile matshelo a batho ba le lesome le boraro.
Rre Mokgolele o tlhalositse fa se se botlhoko e le gore mmaba yo ga a bonwe ka matlho, ke ka moo go leng botlhokwa gore bana ba itlhokomele ka go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa, go rwala dibipamelomo le gone go nna ka go katologana.
Mothusa molaodi o kopile gore mongwe le mongwe a itshireletse, a supa gore fa ba ka itshireletsa Modimo o ka bona gore ba itshireleditse mme le ene a ba sireletse mo mmabeng yo.
Rre Mokgolele o ne a lebogela tiro ya lekgotla la Manual Workers Union, a supa fa lekgotla leo e le le le buelelang babereki mme ka letsatsi leo ba bonye go tshwanela go abela bana.
Mothusa molaodi o tlhalositse fa dipatlisiso di supa fa mogare wa corona o tlhasela bana le bagodi thata ka jaana masole a mmele wa bone a sa nonofa.
Mothusa molaodi o ne a kopa barutabana gore ba seka ba felela bana pelo mme ba bue le bone le go ba gakolola go obamela melao ya ba botsogo ya go nna ba katologanye, go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa le gone go apara dibipamelemo sentle.
Rre Mokgolele o ne a tlhalosa fa a itumetse go bona bana ba apere dibipamelomo sentle, a re go supa fa molaetsa o gorogile sentle mo go bone.
O ne a kopa bana go tswelela ba itlhokomela le go ithuta thata gore ba itlhotlhore lehuma fa ba gola.
Modulasetilo wa komiti ya batsadi le baratabana kwa sekolong sa Kaudwane, Rre Keotlhabetse Ithuteng, o ne a leboga lekgotla leo go gopola sekole sa Kaudwane, a supa fa go le sego letsogo le le abang go na le le amogelang.
O supile fa ba lebogela gore ba bo ba na le batsadi ba ba tlhokomelang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : KAUDWANE
Event : Kabo dimpho
Date : 23 Sep 2020