Breaking News

Mapodisi a tlhotlhomisa leso

22 Sep 2020

Mapodisi a Ghanzi a tlhotlhomisa leso la monna wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano.

Superintendent Modiro Lekone o boletse mo potsolotsong gore monna yo  o bonwe ke mohiti ka tsela  kgwedi eno e le malatsi a le lesome le botlhano mo sekgweng gaufi le lehuti la matlakalala kwa Ghanzi.

A re moswi yo o tlholegang kwa kgotlaneng ya Kabakae kwa Ghanzi o fitlhetswe a na le dintho mo mometsong.

Supt Lekone a re serepa se kwa setsidifatsing sa kokelo ya Ghanzi go sekasekwa ke dingaka.

Supt Lekone a re gape ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome mabedi le borraro a belaelwang gore o tlhakanetse dikobo le mosetsana yo o dingwaga tse di lesome le bosupa.

Mo go tse dingwe, Supt Lekone a re mapodisi a tlaa gagamaletsa setoropo batho ba ba ikgatholosang melawana ya go iletsa kanamo ya mogare wa corona.

A re go simolola ka Laboraro wa beke ee eitileng go fitlhelela ka Matlhatso ba kwadisitse dikgang di le masome  marataro tsa batho ba ba tshwerweng ba sa rwala dibipa  molomo le nko, le o le mongwe  wa go   nwela bojalwa mo tseleng.

A re mapodisi a tshwere ka natla go dira tiro ya bone le go kgalema ba ba ikgatholosang molao.

“E tlaa re kgwedi ee tlang e rogwa, re bo re simolola  go lefisa ba ba sa saleng morago melawana eo makgolo a matlhano a dipula go ya kwa godimo gona le go jaaka re ntse re dira ka gore re ntse re simolola kotlhao ya madi ka makgolo a mabedi a dipula.

Kana modira molato o ka atlholwa madi aa tshwarang dikete tse tlhano tsa dipula, go laola bokete jwa molato le ka fa modira molato a ipoeletsang ka teng, a ntse a tswa mo tseleng. ” ga tlhalosa Supt. Lekone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : Ghanzi

Event : Potsolotso

Date : 22 Sep 2020