COVID-19 e fetotse dilo ka bontsi - Gaerupe
22 Sep 2020
Kgosi Moala Gaerupe wa Salajwe kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng a re segajaja sa COVID-19 se amile matshelo a batho, mo go rayang gore dilo ga di kitla di tshwana jaaka pele.
O boletse mo potsolosong bosheng gore ga gona sepe se se ka tlholang se dirwa jaaka pele ka jaana itshireletso le botsogo jwa batho di tla pele gore segajaja se se fenngwe.
Kgosi Gaerupe a re COVID-19 e amile matshelo a batho ba ba neng ba tshela ka ditiro tsa diatla jaaka go tlhagolela le go tlhatswetsa ba bangwe.
A re go thata go itse gore a motho o na le bolwetse jo kana jang, mme ka jalo go nna thata gore batho ba thape ba bangwe.
O ne a supa fa ba ba ntseng ba tshela ka ditiro tseo ba thatafaletswe ke botshelo a re ke ka jalo a akgolang tshwetso ya puso go busetsa lenaneo la Ipelegeng.
Kgosi Gaerupe a re Ipelegeng ke lengwe la mananeo a a thusang Batswana fela thata segolo jang ba ba mo dikgaolong tse go senang ditiro jaaka kgaolo ya bone.
A re o itumelela gore jaanong banni ba tlaa kgona go ora molelo.
Kgosi Gaerupe a re o lebogela lenaneo la LIMID ka le lone le ne la abela batho ba ka tshwara masome a mane dihutshane gore ba simolole botshelo.
O ne a rotloetsa ba ba filweng dihutshane go di tlhokomela ka gore di ka kgona go fetola matshelo a bone.
Kgosi o ne a kgothatsa banana ba ba nnileng lesego la go fiwa lenaneo la banana a re ba dire ka natla go rurifatsa gore ba atlega mme matshelo a bone a fetoge.
Kgosi Gaerupe a re go dira ka natla mo tirong go mosola ka seo se rurifatsa gore dipoelo di nna teng mme e bile bontsi jwa batho bo ka boelwa.
O kopile morafe go tswelela ba itshireletsa mo mogareng wa corona ka go rwala dipipamolomo le go tlhapa diatla kgapetsa kgapetsa ka molora. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Salajwe
Event : Potsolotso
Date : 22 Sep 2020