Breaking News

Puso e batla go tokafatsa tsamaiso ya dikoloto

22 Sep 2020

Mothusa moeteledipele wa lephata la madi le tlhabololo itsholelo, Rre Lebatla Kgwakgwe, a re lephata le ikaelela go baya pele Palamente melao kakanyetso e mebedi e e amang go adimiwa ga madi le tsamaiso ya dikoloto.

Rre Kgwakgwe o buile se mo phuthegong kwa Tsabong bosheng.

A re batho ba ba sa berekeng ba ntse ba sa kgone go adima madi kwa dibankeng ka jaana dipoelo tsa bone di sena motlhala.

Rre Kgwakgwe a re melao kakanyetso eo, e diretswe go ba thusa gore ba kgone go tokafatsa matshelo a batho

A re go botlhokwa go rerisana le Batswana go utlwa maikutlo a bone mabapi le melao e mebedi e. O tlhalositse fa molao kakanyetso wa ntlha e le wa kwadiso ya batho ba ba kolotang kana ba tsere dilo ka sekoloto: credit reporting system.

Rre Kgwagwe a re molao oo, o akaretsa batho botlhe mme o tlaa gatisa dikoloto tsotlhe tsa bone kwa dibankeng le kwa go bo-matshonisa.

A re molao o tlaabo oo fa tetla ya gore leina la yo o kolotang le ka kwalwa mo maranyaneng go dira gore go nne motlhofo go bona gore motho o kolota kae le gore o kolota bokae.

Rre Kgwakgwe a re molao kakanyetso wa bobedi ke o o amang tiriso ya dithoto tse di sutisiwang (movable property) jaaka diruiwa, dikoloi kana thobo, go ka dirisiwa go tsaya sekoloto.

O tlhalositse fa lephata le ne la kopa bogakolodi jwa baitseanape ba World Bank Group tebang le go tokafatsa matshelo a Batswana go sa kgathalesege gore a motho o a bereka kana nnyaa.

A re dikgakololo tsa bone e ne ya nna gore go na le batho ba ba sa berekeng mme ba itshetsa ka dikgwebo tse dipotlana, ka jalo ba tshwanelwa ke go akarediwa mo kadimong ya madi kwa dibankeng go tokafatsa matshelo a bone.

A re molao kakanyetso o tlaa letla gore ba ba ntseng ba sa kgone go tsaya dikoloto kana go adima madi ba kgone go dira jalo.

Rre Kgwakgwe o tlhalositse gore marekisetso a dilwana tsa mo ntlung a kgona go tsaya leina la motho yo o ba kolotang ba le isa kwa lekalaneng la dikoloto la ITC mme yo o kolotang ene a sa itse.

A re molao o baakanya ditsamaiso dingwe mme o tlaa dira gore lebentlele le motho a le kolotang le nne fa fatshe le ene go buisanya go na le gore leina le fitlhelwe kwa ITC motho a sa itse.

Rre Kgwakgwe o tlhalositse fa molao kakanyetso wa kwadiso ya dikoloto o tlaa ama collateral registry mme gongwe le gongwe kwa motho a tsayang sekoloto teng, go tlaa nna le ofisi ya ikwadiso gore dithoto dipe fela tse di ka sutang di kwadisiwe gone koo gore motho a kgone go kopa sekoloto.

A re ikwadiso eo e tlaa dirisa maranyane a segompieno mme e tlaa nna e butswe ka dinako tsotlhe.

Rre Kgwakgwe a re mo nakong ya gompieno, dibanka ga di letlelele kadimo ya mofuta o mme ba dirisa dipayslip ka gore ga gona molao o o sireletsang beng ba madi le beng ba dithoto ba ba adimang.

Ka jalo a re ikwadiso e, e tlaa tlama kgwebo nngwe le nngwe gore e ikwadise mme a gatelela gore seo se tlaa dira gore merokotso ya kadimo e nne kwa tlase.

A re melao e, e supile fa e bereka sentle kwa mafatsheng a mangwe ka e kgonne go thusa batho ba ba dikobo dikhutshwane.

Kgosana Piet Kartze o lebogetse tlhabololo melao e megologolo ya madi go lepalepana le dipaka tsa segompieno.

A re melao kakanyetso ka bobedi e botlhokwa ka gore go tlaa nna le neelanao ya marekisetso le yo o kolotang go itsa gore motho a isiwe ITC a sa itse.

Rre Kartze a re go a diragala gore motho a isiwe ITC mme a sa kolote madi a mantsi ebile go ne go sa tlhokafale gore go nne jalo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Tsabong

Event : Phuthego

Date : 22 Sep 2020