Breaking News

Ditoro di thusa Letebele go alafa

21 Sep 2020

 Bogologolo Batswana ba ne ba ikaegile thata ka dingaka tsa setso.

Ba ne ba ikalafa ka ditlhare le go itse gore isago e ba tshwaretse eng ka go dirisa ditaola.

Go bolelwa fa dikgosi di ne di na le dingaka tse di alafang magosi fela.

Dingwe tsa dingaka e ne e le bommantswitswidi ba go alafa leruo, malwapa, manyalo, go bitsa pula le go baya bana diphogwana le go alafa boswagadi.

Le ntswa bo sa dirisiwe thata, bongaka jwa go nna jaana bo santse bo le teng.

Ke ka moo go nang le mokgatlho wa Botswana Dingaka Association.

Mme Tsetsa Letebele o tlhalositse fa bagologolo ba ne ba dumela gore dingaka tsa setso di bolela isago le go alafa malwetse ka go farologana, ke sone se ba neng ba bidiwa bo-reaitse.

A re o ithutile ditlhare mo go rraagwe yo e neng e le ngaka, a itsege thata mo dikgaolong tsa Serowe mme ene a dirisa ditaola go bona isago le kalafi ya bolwetse.

Mme Letebele o alafa mo go farologaneng le dingaka tse dingwe ka a alafa a boleletswe mo ditorong gore a epe setlhare se fe go alafa molwetse.

O kaile fa ene a sa dirise ditaola go mmolelela gore molwetse o lwala eng le gore o ka thusiwa jang.

 A re o thusiwa ke ditoro ka di mo kaela gore malwetse a alafiwe ka ditlhare dife le gore fa e le yo a batlang kokelo fela a ye teng.

Mme Letebele wa kgotla ya Ramogate kwa Serowe a re o dirisa thata ditlhare tse batho ka bontsi ba tsayang gore ke tsa mekgabisa mo malwapeng.

A re mekgabisa ya dithunya ka go farologana le majang mangwe a a fitlhelwang mo malwapeng gammogo le ditlhare tsa naga ke tsone a di dirisang go alafa.

O boletse fa a kile a alafa mme mongwe a sa tshole ebile a itlhobogile, a setse a kile a boa kwa Aferika Borwa kwa ba neng ba mo lopa R250 000, mme mpipi a tlhoka go tswa lobadi.

A re o ne a mo alafa letsatsi le penne a kaeditswe mo torong gore a mo fe eng gore a tle a tshole morago ga go lopa bana ka lebaka.

Mme Letebele a re matshwititshwiti a phuthegela kwa go ene.

O boletse fa a thusa mo malwetseng ka bontsi jaaka madi a matona, go ruruga maoto, sukiri, kankere, go thusa bomme ba ba sa tsholeng, go thusa borre ba ba mosepele mokhutshwane, popelo e lwalang, malwetse a go wa kana mototwane le khupelo.

O boletse fa a thusitse ba le bantsi mme ba boela kwa go ene ba lebogela thuso ya gagwe. Mme Letebee a re ke mokereki kwa Sabata mme ga e mo iletse go tsweledisa tiro ya gagwe ya go thusa batho. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Polelo

Date : 21 Sep 2020