Puso e itlama go gagamatsa molao
20 Sep 2020
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a re puso e bopile molao kakanyetso go itebaganya le batho ba ba gatakang ditshwanelo tsa bong le go kgokgontsha ba bangwe mo go tsa tlhakanelo dikobo.
Dr Masisi, yo o kgadileng thata kgokgontsho ya bong le tiriso dikgoka mo baneng, o buile se ka Labotlhano fa a lekodisa setshaba ka seemo sa dikgang tsa kgokgontsho ya bong.
Tautona Masisi a re puso e ikaelela go tsenya mo tirisong molao o o tla babalelang botlhe kgatlhanong le kgokgontsho ya bong.
A re molao kakanyetso oo gopotsweng wa sexual offenders bill o gatisitswe mo bukaneng ya Government Gazzette ka maikaelelo a go reediwa mo phuthegong ya palamente e e tlang.
A re go tlaa nna le fa go kwadisiwang ope yo o kileng a kgokgontsha a tsaya dikobo ka dikgokga mo go yo mongwe.
A re ikwadiso e , e tlaa nna mo mpaananeng fa motho a sena go atlholwa ke kgotla ya ditsheko. A re maiteko a, a tlaa thusa mo go fokotseng bothata jo.
Tautona Masisi a re puso e itlamile go tsenya leitlho le go netefatsa tekatekano mo go tsa bong, a tshwelela ka gore puso e tlaa sutlha melao yotlhe e e kgatlhanong kana e fatlha mabapi le dikgang tsa tekatekano ya bong.
A re go oketsega ga dipalo tsa kgokgontso ya bong ga go amogelesege, ka jalo Batswana ba tshwanetse go tsaya ditshwetso tse di tsepameng go lwantsa kgokgontsho.
Tautona Masisi a re kgokgontso ya mo malwapeng e itsa ba ba amegileng go nna sephiri sa bone, seriti le thithibalo ya tlhaloganyo.
A re ga a jesiwe diwelang ke gore bontsi jwa ditiragalo tsa kgokgontso di diragalela mo sephiring e bile bontsi jwa tsone di a bipiwa.
Tautona Masisi a re dipalo tsa mapodisi di supa koketsego mo dipalong tsa dipetelelo le tiriso ya bana mo go tsa tlhakanelo dikobo.
“Dipatlisiso tsa World Population Review tsa ngwaga wa 2020 di supa fa Botswana e le lefatshe la bobedi mo lefatsheng ka dipalo tse dintsi tsa petelelo. Se, ga se tsamaelane le setho se Batswana ba itsegeng ka sone.”
A re dipatlisiso tsa 2018 tsa Botswana National Relation Study tsone di supile fa banna le basadi ka bontsi ba kile ba amega mo dikgannyeng tsa kgobotlo ya bong mo motshelong jwa bone.
Tautona Masisi a re se se ngomolang pelo ke gore batho ba ba eteletseng kgang tsa kgokgontso kwa pele ke ba go tsewang fa e tshwanetse ya nna batsadi kgotsa batlhokomedi ba batho ba ba kgokgontshang.
O kopile setshaba go nna seopo sengwe mo go lwantsheng ntwa kgatlhanong le kgokgontso ya bong.
Tautona Masisi o akgotse makgotla a a ikemetseng ka nosi ka seabe sa bone mo go lwantseng kgokgontso, o ne gape a leboga ba sepodisi sa Botswana ka letsholo la bone la Pitso ya bo Rre.
O ikuetse mo go botlhe go netefatsa gore melato yotlhe ya kgokgontso ya bong e begwa kwa mapodising. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thato Mosinyi
Location : GABORONE
Event : Tekodiso setshaba
Date : 20 Sep 2020