Breaking News

Dipetelelo tsa bana di a tshwenya

20 Sep 2020

Mogolwane wa ofisi ya Botswana Christian AIDS Intervention Programme (BOCAIP) kwa Gumare a re go a tshwenya go bo dikgang tsa bagolo ba ba kgokgontshang bana mo go tsa  tlhakanelo dikobo di gola.

Mme Kgalalelo Gambule o buile se kwa segopotsong sa letsatsi la mafatshefatshe la tshireletsego ya balwetse kwa Sepopa bosheng.

Mogolwane wa ofisi ya Botswana Christian AIDS Intervention Programme (BOCAIP) kwa Gumare a re go a tshwenya go bo dikgang tsa bagolo ba ba kgokgontshang bana mo go tsa  tlhakanelo dikobo  di gola. A re diemo tse di a tshwenya ebile di oketsa seemo sa mogare wa HIV mo bananeng.

O boletse fa dipalo di supa fa bana ba basetsana ba amegile ka dipalo tsa lesome le botlhano mo lekgolong fa ba basimane e le lesome le botlhano le sephatlo.

Mme Gambule o ne gape a tlhalosa fa seemo sa boimana jwa banana se sa robatse.

A re seemo se se a gola ka go bo bontsi jwa malwapa a eteletswe pele ke banana ka batsadi ka bontsi ba nna kwa masimo.

Le fa go ntse jalo, Mme Gambule o gwetlhile banni ba Sepopa gore ba tseye karolo go lwantsha diemo tse di apereng motse wa bone.

A re bomme le borre ba tshwanetse go nna le seabe mo go emiseng kgokgontsho ya bong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : SEPOPA

Event : segopotso sa letsatsi la mafatshefatshe la tshireletsego ya balwetse

Date : 20 Sep 2020