Breaking News

Mooki o rotloetsa Batswana go aba madi a mmele

20 Sep 2020

Badiri kwa kokelong ya Sekgoma ba rotloeditswe go aba madi a mmele go thusa go boloka matshelo a batho.

Mooki kwa kokelong eo, Rre Lesego Segotso, o buile jalo fa a buisa banni ba Serowe le metse e e mabapi bosheng, a supa fa ba tshwentswe ke go tlhoka madi a mmele mo mabolokelong.

Rre Segotso o ne a tlhalosa fa kokelo le setlhopha sa yone sa kgwele ya dinao se se bidiwang D40, se e leng sone se ba thusang ka go aba madi a mmele, ba ne tsaya tshwetso ya go ruta setshaba ka botlhokwa jwa go aba madi a mmele 

A re ba na le metshameko ya kgwele ya dinao e e tsamaisiwang ke lekalana la National Blood Transfusion Centre ba tshwaragane le Pledge 25, moono e le go tsibosa batho ka go aba madi a mmele.

O tlhalositse gape fa ba itshwaragantse le dikokelwana tsa metse e e mo tikologong ya Serowe go dira pharologano ka go aba madi a mmele.

Rre Segotso o ne a supa fa bomme e le bone ba tlhokang madi a mmele thata ka nako ya pelegi le batho ba ba amegang mo dikotsing tsa tsela.

A re nako tse dingwe ba utlwisiwa botlhoko ke go bona balwetse ba nna malatsi kgotsa dibeke mo kokelong ba santse ba batlelwa madi a mmele, fa nako tse dingwe ba felela ba latlhegelwa ke matshelo. 

Rre Segotso a re ba tshwenngwa ke gore mo malatsing a gompieno bolwetse jwa madi a a kwa tlase bo le bontsi thata mo le bone e le ba botsogo ba sa itseng gore bo bakiwa ke eng.

Fa a ntsha la gagwe, Mme Mpho Leungo yo a neng a aba madi a mmele, a re le ene fela jaaka Motswana mongwe le mongwe o tshwentswe ke letlhoko la madi a mmele.

A re o aba madi a mmele go thusa balwetse ba madi a a kwa tlase, selo se a reng o se dira ka lerato le kutlwelobotlhoko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Mbaeva

Location : SEROWE

Event : Phuthego

Date : 20 Sep 2020