Breaking News

Bagwebi ba botlana kwa Kasane ba tlhaba mokgosi

20 Sep 2020

Bagwebi ba ba botlana kwa Kasane ba kopile puso go ba thusa ka didirisiwa tse di tlhokegang mo go lwantsheng COVID-19.

Fa ba bua mo phuthegong e e neng e biditswe ke khansele ya Chobe le lekgotla la Botswana Association of Local Authorities (BALA) ka Laboraro, ba supile fa ba sena ditsaya megote, di bolaya mogare le tsone tota dipampiri tse bareki ba ikwalang mo go tsone.

Mongwe wa bagwebi, Mme Clara Mufaladi, a re fa e sa le kiletso mesepele, ga ba sa tlhole ba bona madi ape aa kalo mo ba palelwang ke go reka didirisiwa tseo.

A re pele ga segajaja, o ne a kgona go dira P250 ka letsatsi, mme gompieno o senyegelwa ke merogo ka go sena theko gotlhelele.

Mme Nnana Maganu, yo a reng o ne a rekisetsa kwa molelwaneng wa Botswana le Zambia, a re o ne a patelesega go fuduga koo, mme jaanong ka kago ya borogo jwa Kazungula le diofisi tsa molelwane tse disha di terateletswe, go supa fela gore go ka se tlhole go kgonega gore ba boele teng.

Mme Maganu o kopile khansele ya Chobe go dira kago ya selebego se se ka tsamaelanang le ditebego tse disha tsa molelwane, mme e hirisetswe bagwebi. 

O bile a kopa puso go duelela bagwebi ba botlana bontlha-bongwe jwa ditsaya megote.

Mme Eunice Manewe, yo a reng simolotse go rekisetsa dijo kwa Weighbridge ka ngwaga wa 2004, a re COVID-19 e mo amile thata ka a sa tlhole a rekisa. 

A re ga a bone go ka tlhola go letlelesega gore a boele teng, ka jaana lefelo leo jaanong le dikaganyeditswe ke marekisetso a leokwane, mme go rekisetsa teng go ka nna diphatsa.

Mme Manewe o ne a gwetlha bagwebi ka ene go dira letlole la Savings And Credit Cooperative Society (SACCOS) le ba ka ipeelang madi ka lone gore e re mo dinakong tse dithata ba kgone go adima.

Mme Oreeditse Moesi o ne a kopa puso go ba thusa ka madi go tsosolosa dikgwebo tsa bone, go itsa gore ba ikwadisetse dithuso tsa batlhoki.

Mme Jane Seboko a re ene o ne a reka dipitsa kwa Zambia, a rekisa mo Botswana ka bophara mme go tswala ga melelwane go bolaile kgwebo ya gagwe. 

Mme Refilwe Begensel, yo o rekisang dijo kwa Kasane Market, a re o ne a thusiwa ka lenaneo la banana ka 2018, mme ka kiletso mesepele kgwebo ya gagwe e ne ya phutlhama. 

A re fa go repisiwa mesepele o ne a ya kwa CEDA a kopa P10 000 go tsosa kgwebo, mme a felela a neelwa P1 500 ka lenaneo la Letlhabile, selo se a reng ga se a mo thusa ka madi a tlhaeletse kgakala.

O ne a kopa khansele go tsenya mafelo a batho ba ka tlhapang teng diatla mo mmaketeng, ka jaana barekisi ka bongwe ka bongwe ba ka se dire jalo.

Mme Begensel o ne ngongorega gape gore mmakete o lerole, ebile ga o a siamela thekiso ya dijo. 

A re se se utlwisang botlhoko ke gore maiteko a gagwe a go tsenya ditile fa lefelong la gagwe a ne a kgalwa ke khansele ya ba ya re a di ntshe.

Rre Basimane Banogi o ne a kopa puso go neela bagwebi ba botlana P2500 mongwe le mongwe go leka go tsosa dikgwebo tsa bone.

Mothusa mokwaledi wa khansele, Rre Lesang Leloba, a re khansele e tlaa buisana le Botswana Unified Revenue Service (BURS) go bona gore bagwebi ba ba botlana ba ka akerediwa jang kwa diofising tsa molelwane tse disha.

Mogolwane wa ofisi ya tsa kgwebo, Rre Kamogelo Makaba, o ne a solofetsa gore ofisi ya gagwe e tlaa buisana le Regional Health Management Team (RHMT) ka dipampiri tse go ikwalwang mo go tsone le gore go ka dirwa jang gore bagwebi ba reke ditsaya mogote ka ditlhwatlhwa tse di fokoditsweng.

Mogolwane go tswa CEDA, Mme Boikanyo Mojela, ene o ne a tlhalosa fa bagwebi ba bangwe ba tsenya madi a go reka ditsaya megote le di bolaya megare mo mading a ba a adimang. 

O ne a kopa bagwebi go etela ofisi ya CEDA go itseela dikitso tsa gore ba ka thusiwa dikopo tsa kadimo ya madi jang.

Modupi mogolo wa dibuka tsa dikoporase, Mme Violet Monthe, o ne a tlhalosa tsamaiso ya go simolodisa SACCOS, go akaretsa palo ya maloko, ditshekatsheko ka mmaraka, melawana ya gore go boloko ke bokae, go ntshiwa bokae kgwedi le kgwedi, diabe ke bokae le tse dingwe, mme go tswa foo ofisi ya gagwe e ka thusa.

E ne e rile gole pele, mogolwane go tswa kwa BALA, Mme Mpho Mfosi a re ba lemogile fa bagwebi ba ba botlana ba sa akerediwe mo go tseeng ditshwetso le ntswa ba na le seabe mo itsholelong. 

Mme Mfosi a re ba bone go tshwanela go kopana le bone go bona gore ba ka diragatsa jang ditshetlana tsa go kganela kanamo ya COVID-19.

Mokhanselera Caster Mpebe, yo eleng leloko la Local Economic Development a re ba lemoga botlhokwa jwa digwebo tse potlana mo itsholelong ya kgaolo le lefatshe. 

A re ele ruri ‘mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng’, ka jaana bokopano joo bo ne bo tsenwe ke bomme ka dipalo tse di fetang tsa borre.

Mokhanselara Mpebe a re bokopano bo ne jaa fa bagwebi sebaka sa go lekodisana le khansele gore dikgwebo tsa bone di ka rula jang gape morago ga go digwa ke segajaja sa COVID-19. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keamogetse Letsholo

Location : KASANE

Event : phuthego ya BALA

Date : 20 Sep 2020