Breaking News

Banana ba Maape ba eme ka dinao

20 Sep 2020

  Banana ba Maape kwa kgaolong ya Legare ba itomile molomo wa tlase go tsenya letsogo mo ditirong tsa motse.

Go tlhomamisa se, ba ne ba simolodisa mokgatlho wa Mabogo Dinku, maikaelelo magolo e le go bona gore banana ba nna seopo sengwe fa ba tshwere tiro, ebile gape komiti e, e a ba lomaganya, gore sepe se ba se dirang se bonale go na le jaaka go ka nna fa ba dira ka bongwe ka bongwe.

Le fa go se ope wa maloko a komiti yo o berekang, banana ba ba bone go le botlhokwa gore seabe sa bone e nne go tla ka megogopolo e e ka thusang go aga motse.

“Re le maloko a komiti, ga re bereke mo nakong eno mme re bone gore le fa ditiro di seyo, re seka ra iphotlhara fela jaaka okare ga re na ditlhaloganyo. Re ka tswa re sa tshola sepe mo diatleng mme megopolo yone re na nayo,” ga tlhalosa Rre Selala Boitswarelo, modulasetilo wa komiti, mo potsolotsong bosheng.

Rre Boitshwarelo o boletse fa ba gwetlhilwe go tlhama komiti ke go lemoga fa mowa wa boithaopo o nyelela ka monokela, mme seo sa ba tlhotlheletsa go dira maiteko a go o tsosolosa kwa Maape.

A re le fa gone komiti e e thailweng ka 2017 e sa supe kgolo ka e santse e na le maloko a le matlhano fela, e setse e na le motlhala mme seo se tsisa tsholofelo gore e tlaa gola.

O boletse fa ngogola ba ne ba kokoanya madi mme ba rekela bagolo ba le lesome dikobo.

A re e ntse e le mo ngwageng o o fetileng, komiti e ne ya abela baithuti ba ba dikobo dikhutshwane dihempe tsa sekole morago ga go lemoga fa bangwe ba sena paka ya sekole e e feletseng.

Modulasetilo o kaile fa ba setse ba kile gape ba tsaya matsapa a go thusa banni ba le babedi go dira dikarata tsa Omang morago ga go lemofa fa bobedi joo bo ne bo sokola go dira Omang ka ntlha ya mabaka a a farologaneng.

Rre Boitshwarelo a re komiti ya Mabogo Dinku e setse e kile ya ikamanya le sekole se se botlana sa Mophaneng, mme ya thusa ka go rulaganya dikgaisano tsa metshameko.

A re gangwe le gape komiti e buisa baithuti ba dikole tsa motse go thusa go aga boitsholo jwa bana ba sa le babotlana le go ba faposa mo mekgweng e e ka senyang bokamoso jwa bone.

Mothusa-modulasetilo wa Mabogo Dinku, Rre Ketlhobogile Sehudi, le ene o ngongoregile ka go ngotlega ga mowa wa boithaopo kwa Maape le mo Batswaneng ka kakaretso.

A re go ngomola pelo go bo Batswana ba setse jaanong ba batla go atswiwa gore ba itirele.

“Komiti e ya rona le fa o bona re re le batlhano jaana, tota re simologile re le lesome. Ka gone go sa rateng go ithaopa, ba le batlhano ba ne ba goga dinao go fitlhela re itlhoboga ka bone re bo re tswelela re le batlhano jaaka re ntse mo nakong ya gompieno,” Rre Sehudi a tlhalosa.

Kgosi ya Maape, Rre Matshwenyego Rantsiapana ke mongwe wa ba ba emeng nokeng komiti ya Mabogo Dinku.

Kgosi Rantsiapana a re fa banni ba ka ema ka dinao go thusa banana ba go fitlhelela maikaelelo a bone, go ka nna le diphetogo mo matshelong a bone.

“Mokgatlho o o dira tiro e ntle thata, mme go mo go rona re le banni gore a o a atlega kana maiteko a one a felela mo phefong. Ditiro tse banana ba ba setseng ba di dirile di kgatlha leitlho, ebile di supa fa ba ka kgona sepe fela se ba ka ikemisetsang go se dira,” a tlhalosa.

Mabogo Dinku e ikemiseditse go emelana le dikgwetlho dipe tse di ka ba tlhagelang mo leetong la bone, mme tumelo ya bone ke gore kgabagare banni ba Maape ba tlaa lemoga maiteko a bone mme ba ba sale morago. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MAAPE

Event : simolodiso mokgatlho

Date : 20 Sep 2020