Mokhanselara o lopa ditlhotlhomiso
17 Sep 2020
Modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng, Rre Meshack Tshenyego, o kopile lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng go tsenya leitlho dikgang tsa gore batho bangwe ba tsaya diteseletso tsa go kgweetsa e se ka fa molaong.
Fa akgela mo mafokong a ga modulasetilo mo phuthegong ya khansele ya Kweneng bosheng, Rre Tshenyego o ne a supa fa go belaesega fa batho bangwe ba tsaya diteseletso tsa go kgweetsa ka bokukuntshwane.
A re go botlhokwa gore dikgang tse di tsibogelwe ka bofefo go latedisa metlhala ya kwa bothata bo runyang teng go re ba dira molato ba tseelwe dikgato.
Mokhanselara Tshenyego a re seemo sa go nna jaana ga se a tshwanela go ikgatholosiswa ka se na le bokgoni jwa go ama itsholelo ya malwapa go bakwa ke kgolo ya dikotsi tsa tsela.
Mogolwane kwa ofising ya lephata la dipalamo kwa Kweneng, Mme Constance Muzila, o kopile Rre Tshenyego go thusa ka bosupi go latedisa dikgang tsa go nna jalo.
Modulasetilo wa khansele potlana ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Allen Jacob, ene o kopile khamphane ya metsi ya Water Utilities go tokafatsa ditsamaiso tsa go siela dikgaolo metsi.
O ne gape a gakolola lephata la temo thuo ka botlhokwa jwa go lekodisa barui ka bothata jo bo teng ja go swa ga dihutshane.
Rre Jacob a re o tshwenngwa ke gore lephata le ga le dire sepe go tlhagisa barui ka bothata jo le gore ba ka bo hema jang.
Mokhanselara wa Mmopane/Gaphatswa, Rre Moemedi Mokgachane o ne a rotloetsa Batswana go tlhagafalela thuo ya dikoko tsa Setswana.
“A re fokotse go ikaega ka dilo tse re senang taolo mo go tsone, mme re leke go tlhagafalela go itirela ka go atisa dikoko tsa rona tsa setso,” ga gakolola Mokhanselara Mokgachane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego
Date : 17 Sep 2020