Breaking News

Mapodisi a Letlhakane a mo patlong ya mmaagwe lesea

17 Sep 2020

Mapodisi a Letlhakane a kopa go batlisiwa mmaagwe lesea le le fitlhetsweng le phuthetswe ka polaseteke go bapa le kgotla e tona ka Labobedi.

Superintendent Michael Maphephu o tlhalositse mo potsolotsong gore ba ne ba begelwa ke bangwe ba ba bonyeng polaseteke e e nang le sengwe se se lebegang jaaka lesea.

Supt Maphephu a re ba ne ba tsibogela pego mme ba fitlhela lesea le setse le tlhokafetse ebile le senyegile.

A re ba ne ba le isa kokelong kwa ba bongaka ba neng ba tlhomamisa fa e le ruri e le lesea mme le tlhokafatese.

Mo go tse dingwe, Supt Maphephu a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mosadi wa dingwaga tse masome a marataro le bobedi wa kgotla ya Nkosho kwa Letlhakane a thudilweng ke koloi go bapa le kokelwana ya motse oo bosigo jwa Mosupologo.

Supt Maphephu a re o ne a ragosediwa kwa kokelong ya Letlhakane morago a fetisediwa kwa Nyangabwe kwa Francistown ka a ne a bone dikgobalo tse di masisi.

Le fa go ntse jalo, mosadi yo, o ne a tlhokafalela mo tseleng.

Supt Maphephu o ne a kopa bakgweetsi go fokotsa lebelo fa ba feta fa lefelong leo bosigo ka gore go lefifi ebile tsela ya teng e na le difokotsa lebelo.

A re ba tshwere mokgweetsi wa mme wa dingwaga tse masome a marataro, yo o neng a tsamaya ka Toyota D4D go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le kotsi e.

Supt Maphephu o kaile fa dikgang tsa batho ba ba tsiediwang ke ba bangwe ba ba raya bare ba gapile madi kwa Orange di  oketsega.

A re dilalome tse di ba raya dire ba letsa go tswa Orange mme yo o fentseng gore a bone madi ke gore a ntshe madi a tlhatlhwa e ba tlaabong ba e kaya ba bo ba ba batla le nomoro ya Omang.

Supt Maphephu a re mo gongwe ba laela motho gore a dire jang, gore ba mo tseele madi mo Orange money. O gakolotse setshaba gore ba seka ba dirisana le ope ba sa mo itse ka dikgang tsa madi, gape ba netefatse gore e le ruri yo o leditseng ke modiri wa Orange. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LETLHAKANE

Event : Potsolotso

Date : 17 Sep 2020