Breaking News

Lekgotla le Sir Ketumile le abela bagodi ba Morema melora

17 Sep 2020

Lekgotla la Sir Ketumile Masire Foundation le abetse bagodi ba kgotla ya Morema kwa Mochudi melora e e tlhapang.

Morongwa wa mokgatlho oo, Mme Grace Peterson, a re go botlhokwa go gopola ba ba senang bokgoni jwa go itirela mo nakong e  lefatshe le aperwe ke segajaja sa COVID-19.

O kopile komiti ya ditlhabololo tsa motse le lephata la boipelego go phutha difaele tsa ba-na-le bogole, bagodi le masiela gore ba ba ba nang le keletso ya go aba  ba itse gore ke bafe ba ba tlhokang thata.

Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Daniel Molokwe, o ne a kopa ba ba abetsweng gore ba ikoketse mo go tse ba di filweng.

O ne a kgothatsa Sir Ketumile Masire Foundation go tsweledisa tiro e ntle eo.

Rre Molokwe o kopile ba ba nang le bokgoni go akanyetsa bana ba dikolo, bogolo jang ba basetsana ka tse di tlhapang, mesangwana ya bomme le tse dingwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego

Date : 17 Sep 2020