Mapodisi a Serowe a botsolotsa mosadi mabapi le kgang ya lesea
17 Sep 2020
Mapodisi a Serowe a tlhotlhomisa mosadi mongwe mabapi le lesea le le neng le latlhetswe mo ntlwaneng ya boitiketso ya kokelwana ya Moiyabana bosheng.
Superintendent Poloko Oteng o tlhalositse fa mosadi yo a le dingwaga tse di masome mararo le bobedi mme a tswa kwa kgotleng ya Mokale.
A re go ne go ntse go itsege mo motseng fa a itsholofetse, mme bangwe ba hakgamala ka fa a neng jaanong a lebega ka teng.
A re ba ne ba longwa tsebe ke bangwe, mme ba mo ikatumetsa go mmotsolotsa.
Superintendent Oteng a re ba tsweletse ka go tlhotlhomisa ba itshwaragantse le ba botsogo.
A re mosadi yo o na le bana ba le bane, mme e bile ga a dire gope.
O tlhalositse fa lesea le santse le le kwa kokelong ya Sekgoma mme le mo seemong se se nametsang.
Ngwana o ne a bonwa a santse a na le thari ke mongwe wa balwetse kwa kokelwaneng ya Moiyabana.
Superintendent Oteng a re fa go ka rurifatswa fa e le mmangwana, mmelaelwa o ka lebisiwa molato wa go hitlha pelegi le go itlhokomolosa ngwana go ya ka molao wa bana.
O boletse gore mme yoo o santse a tlhotlhomisiwa mme fa go feditswe tsotlhe o ka busetswa ngwana morago ga tshidilo maikutlo ee tseneletseng.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 17 Sep 2020