Lekgotla la BONEPWA le aba melora
16 Sep 2020
Lekgotla la Botswana Network of People Living with HIV/AIDS (BONEPWA) le abetse ditlhopha tse di itebagantseng le go lwantsha HIV/AIDS kwa kgaolong potlana ya Serowe melora le dibolaa megare.
Mogokaganyi wa ditirelo tsa BONEPWA, Mme Tshepang Mothombeni, a re dimpho tseo di tswa kwa lekgotleng la UNAIDS,.
A re mo nakong eno ya segajaja sa COVID-19, go botlhokwa thata go tlhapa diatla le go phepafatsa mafelo a bonno.
A re dimpho tse, di tlaa thusa go lwantsha kanamo ya mogare wa corona.
Mme Mothombeni o tlhalositse fa ditlhopha tse di dirang le BONEPWA kwa Serowe di akaretsa tsa Bokopano, Neelano le sa Marang.
A re ditlhopha tseo di filwe dithuso ka di itebagantse le mananeo a maloko a ka itshetsang ka one jaaka go lema merogo, go roka, go rua dihutshane le dikoko.
O supile fa ditlhopha tseo di thusa ba botsogo go lemoga le go thusa balwetse mo metseng.
Kgosi Kuate Nkatse wa kgotla ya Mere kwa Serowe o ne a akgolela BONEPWA dimpho tseo.
A re botsogo ke mmangmang, ebile bo tla pele ga sengwe le sengwe.
Mogokaganyi wa ditirelo tsa HIV/AIDS kwa kgaolong eo, Mme Phodiso Modungwa o ne a rotloetsa ditlhopha tse di itebagantseng le HIV/AIDS go tlhwaafalela tiro ya bone ya boithaopo.
A re ba tshwanetse go netefatsa gore ga ope yo o tlhokang go tsaya diritibatsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : potsoloso
Date : 16 Sep 2020