Obamelang ditaelo tsa botsogo
15 Sep 2020
Modulasetilo wa khansele ya Borwa Botlhaba a re o tshenngwa ke batho ba ba sa obameleng ditaelo tsa botsogo go thibela go anama ga mogare wa corona.
Fa a simolodisa phuthego ya khansele kwa Ramotswa ka Mosupologo, Rre Augustine Peloewetse, o boletse fa batho ba santse ba sa rwale dibipa melomo le dinko le ntswa ba tsamaya mo setshabeng.
A re go a tshwenya ka go lebega dipalo tsa batho ba ba tsenwang ke mogare di oketsega, ka jalo go le botlhokwa gore batho ba itshireletse.
O ne gape a ntsha matshwenyego mabapi le batho ba ba tlolelang mo lefatsheng leno e se ka fa molaong, a re ba bangwe ba tlodisa dithoto ka bokhukhuntshwane.
Rre Peloewetse a re batho ba go nna jalo ba kopiwe go emisa ditiro tseo ka ba gomagometsa go nyeletsa setshaba sa Botswana ka COVID-19.
O ne a kopa batho ba kgaolo ya gagwe go ipaakanyetsa go lema ka go lebega ngwaga ono o tlaa nna o monamagadi.
O buile fa COVID-19 e supile gore go botlhokwa gore lefatshe le ntshe dijo go na le go baya mo mafatsheng a mangwe.
Mo go tse dingwe, Rre Peloewetse o boletse fa khansele e le mo thulaganyong ya go thama lekalana le le tlaa tsamaisang dikgwebo, tiro e a neng a supa fa e santse e le kwa bagakoloding gore go ka dirwa jang le gone go itse se se tlhokafalang.
A re go lemosegile gore dikhansele di tshwanetse go tla ka methale ya go itirela madi.
O boletse fa mo tsamaong ya nako, dikhansele di tlaa bo di ikemetse ka bo nosi, ka jalo mosele wa pula o epiwa go sale gale.
Phuthego ya khansele go solofelwa e tlaa tla bokhutlong ka moso mme makhanselara a solofetswe go buisana ka dintlha di le mmalwa go balelwa dipotso le ditshutiso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebagano Ntshole
Location : RAMOTSWA
Event : Phuthego ya khansele
Date : 15 Sep 2020