Breaking News

Mapodisi a kopa go batlisiwa mmaagwe ngwana

15 Sep 2020

Mapodisi a Letlhakeng a kopa banni ba motse oo go ba batlisa mosadi yo o ka tswang e le mmaagwe lesea le le bonweng le gogwagogwa ke ntsa kwa kgotleng ya Modimo bosheng.

Superintendent Mogomotsi Kesupile o tlhomamisitse mo potsolotsong fa ba tlhotlhomisa tiragalo e ba neng ba e begelwa ke mongwe wa banni.

Supt Kesupile a re morago ga go amogela pego eo, ba ne ya kwa kgotleng eo mme ba feta ba tsaya masalela a mmele go a isa kwa kokelong kwa ba bongaka ba neng ba tlhomamisa fa e ne e le lesea le ntswa bontlha bongwe bo ne bo jelwe.

Ka jalo o ne a kopa gore ope fela yo o ka tswang a itse mongwe yo e leng mmaagwe lesea leo a begele mapodise, a tlatsa ka gore ‘ke tshepa gore ba itse gore ke mang yo a neng a imile mme jaanong mpa e sa tlhole e bonala mme gape go sena ngwana, mme re kopa gore ba dire boammaaruri ba begele mapodise.’ BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 15 Sep 2020